Breaking News

Ba sepodisi ba eme sejaro kwa Tsabong

17 Dec 2025

Banni ba kgaolo ya Tsabong ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo ka go tshwaragana le mapodisi go tlhomamisa gore malatsi a boitapoloso a ketekwa ka kagiso le thokgamo, setshaba se babalesegile ga mmogo le dithoto tsa bone.
Mookamela mapodisi a pharakano mo Tsabong Assistant Superintendent Johnson Gaolalolwe o buile se bosheng kwa Tsabong jaaka a ne a rola molaetsa wa letsholo la Pabalesego II, le le neng la simolodisiwa semmuso ke Tautona Advocate Duma Boko kgwedi e e fetileng e le lesome le bone, mme e wela kgwedi ya Hirikgong e le malatsi a le marataro.
Ass. Sup. Gaolaolwe o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsholo la Pabalesego II, e le go fedisa borukutlhi mo lefatsheng leno ka tshwaragano ya maphata a itshireletso, ka jaana kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
O boletse fa go na le tse di tshwenyang thata mo kgaolong ya gagwe go akarediwa majalwa a a titeelwang mo malwapeng. Ka jalo a re ba tlaa bo ba etse tlhoko le go sekaseka gore a majalwa ao,  a siametse go ka nowa le gone gore baapei ba bojalwa ba sala ditsamaiso morago tsa majalwa a setso a a omelwang mo malwapeng.
Ass. Sup. Gaolaolwe o ne a supa fa go setse go na le dintsho tse di diragetseng mo kgaolong eo morago ga gore batho ba nwe majalwa a a titeelwang mo malwapeng mme go belaesega fa go ne go tsentswe metswako e e borai mo teng e le tsela nngwe ya go oka bareki.
Mookamela mapodisi o ne a kopa gore jaaka dikole di tswetswe, batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana ka go itse metsamao ya bone ka nako tsotlhe go ba itsa go inaakanya le nnotagi le tsa marato, dipetelelo le tlhakanelo dikobo ba sa ntse ba le bannye, ka seo se ka felela se ba senyetsa bokamoso mo isagong.
A re maitemogelo a bone e le mapodisi ka tshwaragano le barutabana ke gore baithuti ba ima fa dikole di tswetswe mme boimana bo itshupe morago ga dikole di sena go bulwa.
O ne a rotloetsa barui go tlhola leruo la bone kgapetsakgapetsa go na le go baa tsotlhe mo badiseng, ka seo gape se ba fa sebaka sa go dira borukutlhi mme e re morago ba thanye lo lo tsebeng naga e setse e le kgologolo. O ba kopile gape go atametsa meraka le malwapa e le tsela nngwe ya go fokotsa borukutlhi.
Ass. Sup. Gaolaolwe  o ne a kopa banni ba kgaolo ya Tsabong go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele ka le na le maduo. O gakolotse bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe, e le tsela nngwe ya go ipabalela le ba bangwe.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi,  modulasetilo wa lekgotla la baruti mo kgaolong ya Tsabong, Moruti Ruben Mosimenyane o ne a tlhalosa fa bokopano bo itebagantse gape le go tswala merapelo.
Ka jalo, o ne a rotloetsa botlhe ba ba tshelang ka mogare wa HIV go tswelela ba tsaya ka tlhwaafalo dipilisi tsa ARV go thusa go lelefatsa malatsi a bone a botshelo.
Mogolwane go tswa kwa BOSASNET mo Tsabong, Mme Malebogo Letang o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o itebagantse le go thusa ka tshidilo maikutlo ba ba iphitlhelang ba tshwaragane le bothata jwa go tshela ka tiriso ya bojalwa le motsoko.
Mme Letang o ne a gwetlha bogolo jang banana jaaka malatsi a boitapoloso a atamela go ikgapha mo go itonteleng dinotagi le kgokgontsho a supa fa ditiragalo tseo di le kwa godimo thata mo kgaolong ya Tsabong.
Mogolwane go tswa mo lephateng la Bong mo Tsabong, Rre Calvin Sefako o ne a supa fa ba itemogetse kgokgontsho e ntsi mo kgaolong eo mme sebe sa phiri e le “phitlhela kgomo ya serotswana” ka gantsi batsadi ba bipa mpa ka mabele.
Are dikgang tsa petelelo le tlhakanelo dikobo le bana ba basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi ga se gansti di begiwa.
Rre Sefako o boletse fa dikgang tseo di diragalela bana ba dikhutsana mme a kgothatsa banni le setshaba ka karetso ga mmogo le boeteledipele go tsaya boikarabelo ka go emela ditshwanelo tsa bana ka dinao.
Fa a leboga, kgosana Piet Kaartzee o ne a supa fa maikaelelo e le go tsibogela dikgang tsedi ba tshwenyang segolo jang tsa majalwa a a titeelwang mo malwapeng ka ba lemogile fa a sa siamela botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego

Date : 17 Dec 2025