Breaking News

Ntwa kgatlhanong le HIVAIDS e tsweletse

16 Dec 2025

Molomaganya ditiro wa mananeo a HIV/AIDS mo toropong ya Lobatse Rre Letlhogela Malebye a re go na le dintlha dingwe tse di dirang gore kanamo ya mogare wa HIV/AIDS e gakale.
Rre Malebye o buile jalo bosheng kwa Lobatse jaaka gone go tshwerwe letsatsi la segopotso sa HIV/AIDS, a supa gore go nna le bakapelo ba bantsi, go busetsa kwa morago maiteko a go lwantsha mogare ka jaana bakapelo bao mongwe wa bone o ka tla amilwe ke mogare, mme go nne bonolo gore a o neele ba bangwe.
O tsweletse a bolela gore ntlha e nngwe ke ya go tsena mo dikgannyeng tsa marato ga batho ba batona le bana, a bolela gore yo o motona o felela a gatelela ngwana ka go tsaya ditshwetso tse e seng tsone.
Rre Malebye o boletse gape gore go nwa bojalwa mo go feteletseng motho a le mo kalafing go ama ka fa motho a akanyang ka teng, le gone ka fa a tsayang ditshwetso ka teng a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba ba amilweng ke mogare ba fiwe ditlamelo fela jaaka balwetse ba bangwe.
Dr Mpolokeng Pandor wa The Health-Haven Medical Centre o boletse gore bana ba tshwanetse go rutiwa ka mogare wa HIV/AIDS.
Dr Pandor o boletse gore fa bolwetse bo simologa, go ne go le bokete, atlatsa ka gore le mo nakong ya gompieno ga go na se se ka palang gore go fedisiwe mogare.
O supile gore go botlhokwa gore batho ba ipatlele tsela ba itshekatsheke,ba akanye sesha, e bile ba eme ka dinao go fedisa mogare.
Dr Pandor a re ba-na-le-seabe botlhe ba boele kwa marakanelong a ditsela, ka go dirisa le go ruta ka goikgapha, boikanyego le go dirisa sekausu.
O tsweletse a bolela gore bana ba mo diphatseng tsa go ima ba le dingwaga di kwa tlase le go ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dokono. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Selape

Location : Lobatse

Event : Letsatsi la segopotso sa HIV/AIDS

Date : 16 Dec 2025