Modulasetilo o kopa bagwebi go tshwaragana
16 Dec 2025
Modulasetilo wa khansele ya Tutume,Rre Tabona Masole o kopile bagwebi ba kgaolo ya Nkange go tshwaragana le khansele go godisa dikgwebo tsa bone.
Rre Masole o buile se, kwa bokopanong le bagwebi kwa Tutume bosheng.
A re bagwebi ba tshwanetse go tshwaragana le puso go leka go tsholetsa itsholelo ka go bona go re dikgwebo tsa bone di a gola,e bile di kgona go hira batho go imolola puso morwalo wa letlhoko la ditiro.
A re bagwebi ba tshwanetse go tla ka megopolo le ditharabololo tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, gore ka tshwaragano eo, ba kgone go baakanya mme ba tsholetse dikgwebo.
Rre Masole a re ga ba jesiwe di-welang ke beng ba dikontereka bangwe ba e reng ba filwe tiro ba e phuaganye ba sa fetsa. Ka jalo, a gwetlha bagwebi ba go nna jalo go re fa ba kopana le dikgwetlho ba ntse ba tsweletse, ba bolele gona le go tlogela tiro e sa wela.
Modulasetilo o ile a kopa bagwebi go tshwaragana le khansele go lwantsha tshenyetso setshaba, a re maikaelelo a khansele ke go godisa bagwebi ba dikgwebo tse di farologaneng tsa kgaolo eo, go re ba kgone go godisa itsholelo le go thapa beng gae.
One gape a rotloetsa bagwebi go sala tsamaiso ya melawana ya diteseletso tsa dikgwebo tsa bone morago.
Fa ba akgela, bagwebi ba boletse fa melawana ya khansele eo e setse e fetilwe ke nako, ka jalo e batla go sekasekwa go tsamaelana le seemo sa nako eno. Ba ile ba ngongorega ka bonya jo khansele e bo tsayang go ba duela morago ga ba sena go ba thusa.
Ba boletse fa tiego eo e tsala tatlhegelo ka ba felela ba le mo dikolotong tse di felelang ba gapelwa dithoto, kgwebo e phutlhama, kana ba fokotsa bodiredi, mme seo se dige itsholelo ya lefatshe le go oketsa palo ya letlhoko la ditiro.
Mongwe wa bagwebi mookamedi wa kgwebo ya nama ya Tanyama Investment,Rre Moseki Mathodi a re fa e sale matlhabelo a khansele a tswalwa mo kgaolong ya Tutume, ba goga ka bokete go tsweledisa dikgwebo tsa bone.
Rre Mathodi a re ba na le dingwaga ba kopile khansele go bula matlhabelo a Gweta le Tutume.
Fa a araba mangwe a matshwenyego a bagwebi, mokwaledi wa khansele ya Tutume,Rre Charles Amos o boletse fa ba roletse setshaba matlhabelo a Gweta go a itirisetsa. A re go setse go na le yo o supileng kgatlhego, e bile a setse a le gaufi le go ka bulela bagwebi go ka a dirisa.
Rre Amos a re ba santse ba na le kgwetlho le matlhabelo a khansele a a kwa Tutume, a re ba santse ba tshwaragane le namane e tona ya tiro go busetsa seemo sa matlhabelo ao mo tirisong.
O boletse fa khansele e le mo thulaganyong ya go baya bagwebi ba ba botlana ba mekhukhu mo lefelong le le lengwe ka thulaganyo e e faphegileng. Modulasetilo wa khansele ene o boletse fa ba lephata la tiragatso melao ya khansele, ba Bye-Law, ba tsamaya ba tsaya megopolo mo morafeng go fetola le go baakanya melawana mengwe e e tlaa thusang go tsamaisa khansele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Bokopano jwa bagwebi
Date : 16 Dec 2025



