Go mpampetsa ga se gone-Sepodisi
16 Dec 2025
Go kwadisitswe melato e le masome a mararo le botlhano ya bogodu jwa leruo kwa metseng e e bapileng le molelwane wa Botswana le South Africa kwa kgaolong ya Barolong monongwaga.
Palo ya leruo le le utsulweng ke makgolo a matlhano, masome a mane le borobabongwe, bontsi e le dihutshane mme go tshwerwe babelaelwa ba le bane ba ba amegang mo ditiragalong tse.
Go ya ka mookamela mapodisi a kgaolo ya borwa, Senior Assistant commissioner Israel Tuelo, go bonala fa mephato ya badisa kgomo e na le lesedi la gore disenyi ke bo mang, mme ba tshaba go fa bosupi.
Rre Tuelo o kaile se kwa thuto- puisanong e e neng e tshwerwe kwa Tlhareseleele le ba sepodisi sesole, mephato le dikgosi tsa metse e e bapileng le terata ya molelwane wa Botswana le South Africa.
Re lemogile gore disenyi di a itsiwe, mme seo se tlaa re fa sebaka sa go ikopanya le maloko a mephato kwa botlhokong gore re kgone go bona gore re ka thusa jang,” Rre Tuelo a supa.
A re ba lemogile fa mephato e ipelaetsa gore ba sepodisi ga ba dire go lekane, seo se dirwa ke gore ekare molao o sireletsa dirukutlhi thata go na le ba tswa setlhabelo. A re kgang ya go emela tsheko kwa ntle ke yone e tshwenyang barui thata.
Rre Tuelo are sebe sa phiri ke gore ga ba na taolo epe mo ditshwetsong tsa makgotla a ditsheko.
Leloko la mophato, Rre Mayor Dikgale o supile fa bogodu jwa leruo le dithoto tse dingwe di rotloediwa ke batsadi.
Batsadi ba tshwanetse go emisa go mpampetsa ka gore le fa ba bona ngwana a tla ka selo se a senang madi a go se reka ga ba mmotse gore o se tsaya kae,” Rre Dikgale a supa.
Mokhanselara wa kgaolo ya Tlhareseleele-Rakhuna, Rre Kgotlaetsile Makgetha e ne o kopile morafe go ntsha dirukutlhi mo gare ga bone ka go lebega ba ba itse mme ba sa batle go ba bua ka maina. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Tlhareseleele
Event : Thuto-puisanyo
Date : 16 Dec 2025



