Breaking News

Metshameko e rotloetsa popagano le boipelego

04 Dec 2025

Morulaganyi wa kgaisano ya kgwele ya dinao ya Kopong UCCSA Charity Soccer Tournament, Rre Mass Bakwena a re popagano le mowa wa boipelego di tsisitse katlego ya kgaisano e, e e neng e tshwerwe bosheng kwa Kopong.

Maikaelelo magolo a kgaisano e ne e le go kgobokanyetsa bana ba ba tlhokileng lesego ba Kopong Junior  Secondary School.

Rre Bakwena a re kgaisano e ne e akaretsa le bagolo gore le bone ba nne le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone, a re se gape ke go ba baa gaufi go thusa ka dikgakolo ka ba na le boitemogolo ka dilo ka bontsi.

A re bagodi ga baa tshwanelwa go lejwa jaaka batho ba ba feletsweng ke maano a botshelo, a gatelela gore boitemogelo jwa bagodi bo ka thusa go aga tshaba le go tsenya basha mo tseleng. Are  se, se ka thusa basha go tlhaloganya gore mowa wa boipelego ke one o agileng lefatshe la Botswana.

Rre Bakwena o akgotse Kgosi Michael Molefe wa Kopong le batsaya karolo  botlhe go di goga kwa pele go nna sekao mo setshabeng.

Ditlhopha tsa motse tse dineng di iteisanya borathana go ikgapela sejana di ne di akaretsa Kgomokgwana SC, Polar View SC, Kopong JSS le Kopong United FC.

Kgaisano e, ya mantshano e ile ya gapiwa ke setlhopha sa Kgomokgwana morago ga gore se tshele setlhopha sa Polar View dinno tse nne go tse tharo, mme sa ikgapela kopi.

Fa atswa la gagwe, Kgosi Molefe o ile a iteela bagodi legofi go bo ba ile ba seka ba ipona tsapa go tla go ema nokeng tiro e a supileng e ama botlhe mo morafeng wa gagwe. ENDS

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Kopong

Event : FOOTBALL TOURNAMENT

Date : 04 Dec 2025