Tona o rola kgosi wa Rasesa
04 Dec 2025
Go le pele, Rre Motshegwa o ile a gakolola morafe gore tshwetso e tserwe morago ga gore a role lekoko kgwedi ya Tlhakole monongwaga, le a neng a le tlhomile go etelela morero wa dipuisano tsa go tla ka leina la kgosi kwa Rasesa.
Rre Motshegwa a re o lebogetse tharabololo e lekoko le tsileng ka yone mo bogosing jwa Rasesa, a tlatsa ka gore o dumela fa tharabololo eo, ele ya sennela ruri e bile e tlaa nonotsha ditso tsa bogosi jwa motse oo.
“Tirisanyo mmogo ya lona le lekoko le le neng le romilwe ke e e itumedisang e bile e supile fa e le ya go aga pogagano ya morafe. Go botlhokwa re le morafe go iphapha mo dikgogakgoganong, e bile ga re a tshwanela gore fa re le batho re itsiwe ka dintwa ka jaana leina le lentle le itirelwa,” ga bua Tona Motshegwa.
Rre Motshegwa, yoo dumelang motlapele fa a re ‘go kgoberega ga metsi ke go itsheka’ e bile ‘ntwakgolo ke ya molomo’ a re o rurifatsa fa lekoko le weditse thomo e bile le supile fa le file morafe pego ya ditshekatsheko tsa bone.
A re lekoko le kaile fa bogosi jwa Rasesa bo ne jwa tlhakatlhakana mo dingwageng tse di fetileng, mme ga nna jalo sebaka se se telele go sena tharabololo.
Tona o ile a nankola dintlha tse pedi tse di akaretsang gore boora Letshwenyo Rasesa ba ne ba kopiwa go ka aga setlhare sa bone sa matsalo, mme go kaega fa ba ne ba ya go ipatlisisa kwa ba tlholegang teng kwa Shoshong mme ga palega ka ba ne ba lemotshiwa fa e le Boora Mading.
Ntlha e nngwe ke ya gore mo letlhakoreng le lengwe, lekoko le fitlheletse go ya ka ditshekatsheko tsa bone gore setlhare sa matsalo se supile fa bogosi e le jwa bo Ramphaleng, Kgwarapi le Buisanyang, bao ba kaileng fa kgosi ya bone e le Kagiso Buisanyang.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka tshwetso e, mme Tona a ba tlhagisa gore fa go nale yoo sa jesiweng diwelang ke tshwetso e, molao o mo fa sebaka sa gore o ka tsisa boikuelo mo lebakeng la malatsi a le masome a mararo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : RASESA
Event : Kgotla meeting
Date : 04 Dec 2025




