Breaking News

Go tsibogela botsogo go a boloka

04 Dec 2025

Ratoropo wa Lobatse, Rre Aron Ganakgomo o gwetlhile borre go emela botsogo jwa bone ka dinao, ka go tsaya dikgato tse di maleba go itebaganya le malwetse a a sa tshelanweng bogolo jang kankere ya borre ya setlha e a boletseng e di goga kwa pele.

Rre Ganakgomo o buile jalo bosheng kwa Lobatse jaaka gone go tswalelwa kgwedi e e tsibosang ka botsogo jwa borre. A re borre ke batho ba ba maoto a tshupa mo dikgannyeng tsa botsogo jwa bone, ka jalo go le botlhokwa go ba tsibosa, bone, ga mmogo le bana ba basimane go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone.

O tsweletse a bolela gore malwetse a a sa tshelanweng jaaka kankere, a kgona go alafiwa fa a tshwerwe ka nako, mme botshelo bo babalesege. O boletse gore maikaelelo a kgwedi ya go tsibosa ka botsogo jwa borre, ke go ba gwetlha go tlhatlhoba le go tsaya kgato.

Dr Malebogo Rauwe go tswa kwa kokelong ya Athlone mo Lobatse o tlhaloseditse borre gore mo nakong ya gompieno, ga gona sepe se se ka supiwang gotwe se baka bolwetse jwa kankere ya borre.  O tladitse ka gore ke thulaganyo ya mmele go nna o intshafatsa mme, fa o sa kgone o bake bolwetse.

 O tsweletse a re dijo tse di tlhotlhilweng le sukiri di ka ama ditshika tsa madi, ka jalo a ba rotloetsa go ja dijo tse di siameng di lekanetse le go itshidila mmele.

Mongwe wa borre, Rre Otukile Rakhudu o boletse gore dipalo tsa borre ba ba yang dikokelong e kwa tlase, a supa fa ba tlhoka kokelo ya borre. O boletse gore borre ga ba batle go nna nako e telele ba sa thusiwe, a a fa sekai jaaka go itlhatlhobisa a bo o tsaya dipilisi tsa bolwetse jwa madi a matona, a re bone ba felela ba ithekela dipilisi, mme a kopa gore go baakangwe go fefosa ditirelo.

Fa a bua kwa bokopanong joo, mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le boitekanelo Rre Kobamo Ntau o boletse gore borre fa ba bilediwa dikgang tsa botsogo jwa bone ga batle, mme seo se ba beye ka fa mosing ka ba tseelwa ditshwetso.

O ba kgothaditse gore ba dire ditlhophana tsa botsogo, ka gore fa ba ikgobokantse go kanna motlhofo go ba tsisetsa ditlamelo tsa botsogo gaufi, mme seo se tokafatse botsogo. Le fa go le jalo, Rre Ntau o boletse fa bothata jo bo teng e le tiriso ya nnotagi phetelela.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Maokaneng mo Lobatse Rre Oaitse Kedise o lebogetse borre go iketleeletsa bokopanong mme a ba gakolola go babalela molaetsa wa botsogo le go o tsenya mo tirisong. ENDS

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Commemoration

Date : 04 Dec 2025