Mapodisi a kopa setshaba go lwantsha dipolaano
02 Dec 2025
Mapodisi a Serowe a gwetlha setshaba go thusana le magosi go laola le go lwantsha dipolaano tsa marato le dipetelelo.
Mogolwane wa mapodisi a a okametseng kgaolo ya Serowe/Palapye, District No2, Senior Superintendent Zibane Basupi, o ntshitse kopo morago ga gore ba amogele dikgang tsa polao di le pedi le petelelo ya ngwana yo dingwaga di kwa tlase bosheng.
Rre Basupi o boletse fa e rile kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le boferabobedi, ba tshegetsa monna wa dingwaga tse di masome mane le boraro morago ga gore a itshupe ko mapodiseng a bolela fa a bolaile mme mongwe ka sengwe se se bogale yo ba belaelang a ne a ratana le ene.
A re go fitlhetswe mme yoo a rapaletse mo boidiiding jwa madi kwa lwapeng le a neng a bereka teng a tlhokomela mogodi mongwe teng ko kgotleng ya Makolojwane mo Serowe.
Mmelaelwa o setse a simolotse go itshupa kwa lekgotleng la ga mmakaseterata kwa Serowe.
Mo go tse dingwe tsa polao, ba tshegeditse mme wa dingwaga tse di masome matlhano le bosupa( wa masimo a Mmabahumi mo kgaolong ya Serowe mabapi le go tlhaba mokapelo wa gagwe ka sengwe se se bogale a bo a tlhokafala go ne foo.
Senior Superintendent, Basupi a re mme yoo, o tlhokile kutlwisisanyo le mokapelo wa gagwe mme a dira tiro e e masisi eo beke e e fetileng.
Mogolwane wa sepodisi o tsweletse a tlhalosa fa mosetsanyana wa dingwaga tsedi ko tlase wa dingwaga tsedi boferabobedi kwa kgotleng ya Masilo a ne a betelelwa ke rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa kgwedi e e fetileng e le malatsi a le masome mabedi le boferabongwe.
Mmelaelwa o santse a tshegeditswe ke mapodise, mme le ene a simolotse go ipega kwa lekgotleng la ga mmakaseterata.ENDS
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Interview
Date : 02 Dec 2025



