Letsatsi la segopotso sa HIVAIDS le tsisa tsholofelo
02 Dec 2025
Go tshuba kerese ka letsatsi la mafatshefatshe la segopotso sa HIV/AIDS ke go supa maitlamo, thotloetso le go supa lerato mo go ba ba amilweng ke bolwetse le ba ba latlhegetsweng ke matshelo .
Se, se boletswe ke Mohumagadi wa Bangwaketse Mme Masetsebi Gaseitsiwe kwa moletlong wa segopotso sa mafatshe sa Bolwetse jwa HIVAIDS kwa Kgotleng kgolo ya Kanye ka Mosupologo.
Letsatsi le, le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng :Go fenya dikgoreletsi, go tla ka diphetogo tse di maleba mo twantshong ya mogare wa HIV/AIDS”
Morafe go ralala kgaolo ya Kanye ga mmogo le batsaya karolo ka go farologana mo twantshong ya bolwetse jwa HIV/AIDS ba ne ba tshologetse kwa kgotla kgolo go tsenelela segopotso.
Fa a tshuba kerese, Mohumagadi Mma Gaseitsewe a re seo e nne tsholofelo mo go fodiseng bolwetse jwa HIV/AIDS le dikgwetlho tse dingwe tse di lebaganyeng lefatshe la Botswana.
“Bagaetsho, a lesedi le le re fe tsholofelo ya gore letsatsi lengwe re tla fitlhelela phenyo ka seemo sa bolwetse”, ga rotloetsa Mma Gaseitsiwe yo a neng a kopa metsotso ya tidimalo mo kgotlakgolo go lemoga ba ba latlhegetsweng ke bolwetse.
Mogokaganyi wa namaosatshwere wa Lekgotla la Ditshaba mo Botswana , Rre Malviya Alankar o galaleditse lefatshe leno gore le dira sentle mo kgaolong le lefatshe ka bophara mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa HIV.
A re le fa go ntse jalo, go bonala fa dipalo tse di kwa godimo ngwaga le ngwaga (dikete tse nne) di tsenwa ke mogare o mosha le gore mo bagolong ba le batlhano, a le mongwe mo go bone o tshela ka mogare.
Mo dipalong tse, go supa fa sekete, lekgolo, lesome le boferabobedi e le dipalo tsa basetsanyana le bomme ba ba botlana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano le masome a mabedi ba amega thata.
Fa a tswa la gagwe, mongwe wa batsaya karolo mo ntweng kgatlhanong le bolwetse e bile e le motswa setlhabelo wa bolwetse jo, Mme Khumoetsile Thukwi, a re morago ga go itemogela fa a na le mogare wa HIV ka ngwaga wa 1999, one a seka a amogelwa sentle ke ba lelwapa le tikologo ya gagwe.
“Morago ga go kopana le ba mokgatlho o o rotloetsang bomme, ke gone ka itemogela kagiso le kgololesego”, ga tlhalosa mme Thukwi.
O ne a supa matshwenyego a gore banana ga ba rekegele botsogo jwa mebele ya bone ka jaana ba sa tlhagafalela go tsaya ditaelo tsa botsogo ka tlhamalalo. ENDS
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : World AIDS Day commemoration
Date : 02 Dec 2025



