Barutabana Ga Ba Bone Boroko
02 Dec 2025
Barutabana ba sekole se segolwane sa Ramoja ba apere kobo ka letshoba ntateng ya magodu a a utswang bosigo le motshegare mo matlong a bone a bonno.
E rile a bua mo potsolotsong, motshwarelela mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Masunga Rre Aggrey Makhila a re kgang ya go tlhoka pabalesego ya sekole seo, e simolotse bogologolo mme e sa itshupe ele kgolo.
Sekole se, se mo sekgweng fa gare ga Ramokgwebana, Moroka le Jackalas 1 mme gape sele gaufi le molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe.
Rre Makhila a re bogodu jo bo simologile ka go utswiwa ga dijo le diaparo tsa barutabana go simolola ka 2014 go ya go 2017, bogodu joo jwa kekela go akaretsa malao le ditsidifatsi le go thuba sebolokelo sa madi sa sekole.
A re le fa ba ne ba kopa badisa dikago go nna kelotlhoko mo bathong ba ba etelang sekole seo go fokotsa ditiragalo tsa borukutlhi, gone ga seka ga thusa, ka sekole se dikologilwe ke sekgwa.
“Re le ba lephata la thuto re kopanye le ba Ipelegeng, re ne ra tswa letsholo go ya go kgaola ditlhare tse di neng di dikologile matlo a barutabana mme ra lemoga fa dipone tse di dikologang sekole le matlo a mangwe di seo ,” ga tlhalosa Rre Makhila.
O ne a tlhalosa gore ka ngwaga wa 2018, dirukutlhi di ne tsa simolola go utswa motshegare barutabana ba ile tirong ba tsena ka terata e e kwa morago mme le mono motlha ga go ise go tshwarwe ope wa bone.
O supa gore e rile ba tswa letsholo la go thodumela terata, yare go ise go fete sebaka se se leele, fa ba boa ba fitlhela magotswana oa, a ba amogile dithoto.
A re tiragalo e nngwe ke ya mogokgo a tsenelelwa ke magodu mme ba mo hula ka seragantshwane mo molomong, mo a ileng a bona dikgobalo tse di masisi.
“Ka Phalane ele malatsi a mararo, ke ne ka etela sekolo seo gape mme ka fitlhela seemo se se tlhomolang pelo,” ga rialo Rre Makhila.
Go leka go thibela seemo se, a re ba kopile terata e e nang le mmitwa, kampa ya sesole, sepodisi, dipone tse di bogale go dikologa terata le di khamera kana lebotla go dikologa matlo a barutabana.
O ne a gatelela gore barutabana botlhe ba tshwanelwa ke go rulaganyediwa tshidilo maikutlo ka seemo se, se ba amile e bile ba setse ba ikopela go hudusediwa kwa dikoleng di sele.
Mongwe wa batswa setlhabelo, e leng mogokgo wa sekolo seo Rre Teedzani Bombo o ne a rurifatsa fa borukutlhi jo bo tshwenya mo e bileng botshelo bo sa tlhole bole monate mo bodireding ja sekolo.
O tlhalositse fa ba belaela gore mabaka a a ka tswang a tlhofofatsa bogodu ke gore sekole se mo sekgweng. Rre Bombo a re mongwe wa barutabana o kile a reka setsidifatsi sa mabati a mabedi mme e rile bosigo jo se gorogileng ka jone sa lala se utswulwe.
“Fa seemo se ntse jaana, ga go sa tlhole go na le ope yo o batlang go berekela kwano, ke bereka go nna ke tima molelo o lenna ke o raletseng wa go tlhaselwa,” ga rialo Rre Bombo. ENDS
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : masunga
Event : Interview
Date : 02 Dec 2025



