Baithuti ba ba amogela dimpho
01 Dec 2025
Baithuti ba ba ikatisetsang go nna mapodise ba abetse bana ba sekole se segolwane sa Mahupu Unified ditlhako.
Erile a bua kwa tirong ya go rola dimpho, mokatisi wa baithuti e bile gape e le mogolwane kwa go ba sepodise, Rre Dipontsho Pharithi, o tlhalositse fa ba dirisitse P75 000 go reka ditlhako tse di neng tsa abelwa baithuti ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano.
A re ba e kgonne ka go ntsha madi mo dikgetsing tsa bone, a supa gape fa a ne a kopa-batsaya karolo go tlhopha kwa go nang le letlhoko teng gore ba tle ba ba abele.
Rre Pharithi o tlhalositse gore fa ngwana a sena ditlhako, o kgona go sulafalelwa ke go tsena sekolo.
Sebui sa tlotla, mothusa mookamela sepodise sa Botswana, Rre Solomon Mantswe, o ne a lebogela baithuti ba sepodise go tlhopha sekole sa Mahupu.
O tlhalositse fa dimpho tseo, e le sekao sa lorato , e bile di tlaa fa baithuti seriti.
A re fa bana ba tsaya leoto le le botlhokwa la go ya sekoleng letsatsi le letsatsi, leoto le, le tlhoka go nna le seriti, ka jaana tsela e ba e tsamayang e na le mesetlho, mme fa ngwana a sena ditlhako a kgona go felela a tsaya ditshwetso tse di sa siamang.
O tsweletse ka gore fa ngwana a ithuta a phuthologile o kgona go utlwa sentle dithuto tsa gagwe, mme a ipetlele bokamoso jo bo siameng. Rre Mantswe o ne a supa fa tiro ya bone e le go babalela setshaba, segolo bogolo bana gore ba tswe mo dikgwetlhong tse di ba apereng, a bo a tlhalosa fa ba kgathala thata ka bone.
O kopile ba ba abetsweng go tlhokomela ditlhako tsa bone, le go tlhwaafalela thuto ya bone, ba tlotle barutabana le batsadi.
O ne a kopa gore ditlhako tseo e nne segakolodi sa gore ba itse gore ba a ratwa, ebile ba tla a ba ema nokeng ka dinako tsotlhe. O ne a tlhalosetsa bana gore fa ba na le maikaelelo ba tla a kgona leeto la bone la thuto.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya thuto kwa Letlhakeng, Mme Ontsheletse Mokweni, o ba rotloeditse go fitlhelela maikaelelo a bone a thuto.
Mogokgo wa sekolo sa Mahupu Unified, Rre Siamisang Mokgolodi o ne a lebogela ba sepodise go tlhopha sekolo sa gagwe gore ba se abele, a bo a supa fa se se raya go le gontsi mo go bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : Donation hand over
Date : 01 Dec 2025



