Puso e itlama go tokafatsa ditirelo

17 Nov 2025

Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o tlhaloseditse palamente fa puso e itlamile go tokafatsa phatlalatso ya ditirelo tsa khansele ga mmogo le tsa itshetso kwa Selebi Phikwe.

Rre Motshegwa o ne araba potso ya Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana ka Labone, a supa fa puso e na le mananeo a a maleba, a a ikaelelang go tokafatsa ditirelo tse di fiwang Batswana kwa Selebi Phikwe, fa madi a letla.

 “Ke eletsa go itsise palamente gore mananeo a a farologaneng a a ikaelelang go tokafatsa ditirelo mo toropong a setse a tsenngwa mo tirisong, mme a mangwe a mo lenaneong la go tsenngwa mo tirisong,” Rre Motshegwa a supa.

A re mo nakong e khutshwane, khansele e ikemeseditse go tsisa ditirelo di akaretsa go tsenya dipone tsa marang a letsatsi di le lekgolo, tse di tlaa felang ka kgwedi ya Sedimonthole.

Rre Motshegwa a re khansele e ikemiseditse gape go baakanya mesele ya kgopho ya metsi kwa Botshabelo le Phase I, ga mmogo le go baakanya dipone tsa mo ditseleng.

Mo nakong e telele, ka fa tlase ga lenaneo la ditlhabololo la NDP 12, khansele e rulagantse mananeo a le mmalwa, go nonotsha ditirelo tsa khansele, Rre Motshwgwa a tlhalosa.

O tlhomamisitse fa mananeo a akaretsa ditlhabololo tsa ditsela, tsa botsogo le tsa thuto, tsamaiso ya matlakala le phepafatso ya matlakala, go oketsa dikoloi tsa khansele, le ditlhabololo tsa itsholelo ya selegae.

“Mo lenaneong le gape go akareditswe go tokafadiwa ga ditsela tsa toropo tse di tshwanang le Tshekedi Road, go okediwa ga Botshabelo Clinic, kago ya sekole se sesha, le go tokafadiwa ga tsamaiso ya matlakala,” Rre Motshegwa a supa.

O gateletse fa mananeo a ka kakaretso, a ikaelela go ntšhafatsa dipopego tsa motheo, go tokafatsa phatlalatso ya ditirelo le go rotloetsa kgolo e e tswelelang ya itsholelo mo Selebi-Phikwe.

A re Water Utilities Corporation (WUC) e tsweletse ka go rarabolola mathata a a tswang mo kgophong ya metsi a a leswe mo toropong. Rre Motshegwa a re dipatlisiso di supa gore mathata a, a bakwa ke mmu le go latlhelwa ga dilo tse di sa tshwanelang.

Go tokafatsa ditirelo, Rre Motshegwa a re WUC e bone P40.3 million, go baakanya mesele ya kgopho ya metsi a a leswe kwa kgaolong ya Bophirima ya Selebi-Phikwe.

 A re tiro e, e akaretsa go aga diphaephe tse di boleele jwa dikilomitara di le 7.5 le go tokafatsa kana go tsosolosa di pump station tse tlhano, tiro e a reng e simolotse ngogola Phalane a le malatsi a mararo mme tsholofelo ke gore e tlaa re ngwaga o o tlang Moranang a le malatsi a le marataro tiro e tlaabo e wetse.

Rre Nkawana o ne a boditse tona gore a puso e na le lenaneno le lesha go tokafatsa ditirelo tsa khanselele, go phepafatsa tikologo le ditlamelo tsa metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Parliament

Date : 17 Nov 2025