Khwaere ya UCCSA e abela sekole

17 Nov 2025

Moruti Sanele Dlamini wa United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) o gwetlhile setshaba go supa tumelo ya bone ga mmogo le botsalano jwa bone le modimo ka ditiro tsa bone.

O tlhalositse se, fa a rola dimpho tse di lopileng madi a a fetang P2 600 tse khwaere ya kereke eo, e neng e di abela sekole se se botlana sa Manonnye Primary kwa Serowe ka Labone.  

Moruti Dlamini o ne a tlhalosa fa bokeresete bo ikaegile thata ka go tsisa lerato le tirisano mmogo, a tshwaela fa e le tsone konokono mo go ageng setshaba. O ne a akgola khwaere ya kereke ya UCCSA go sa ipona tsapa go ka kgobokanya bonyenyane jo ba nang le jone ba bo arogana le sekole sa Manonnye. 

Godimo ga moo, o ne a kaya fa tiro e ba e dirileng e le e kgolo ka jaana ba supile fa tumelo ya bone e sa swa, ba dule thuso mo nakong e go nang le letlhoko le lentsi le tlhaelo ya ditlamelo mo lefatsheng, segolo bogolo kwa dikolong.

“Go molemo go lemoga fa bakeresete ba santse ba sala morago dithuto tsa baebele ee boitshepo, ditiro tsa bone di a bonagala e bile ele tsedi gwetlheng botlhe go tsenya letsogo fa thuso e tlhokafalang teng, rotlhe re nne le seabe mo go tokafatseng seemo se re fitlhelang lefatshe la rona mo go lone, re ipelege, re thusanye,” ga tlhalosa Moruti Dlamini.

Modulasetilo wa khwaere, Mme Sylvia Moalosi, o ne a bolela fa dimpho tse ba di abileng e ne e le tswelediso ya maitlamo a khwaere a go isa thuso kwa sekoleng se se tlhokang. 

“Re tswa kgakala ka go abela dikole. Re ne re abela sekole sa Patikwane ngwaga le ngwaga, mme se, se ne sa fetoga fa kereke e simolola go kgaoganngwa ka dikgaolo. Re ne ra fitlhela sekole seo se sa tlhole se le mo kgaolong ya rona, ka jalo ra bona gore re tlhophe sekole sa Manonnye go se abela bonyenyane jo re nang le jone le bone ka ba le mo kgaolong ya rona.”

Gape o boletse fa tiro ya go aba e le maitlamo a bone a go tsenya letsogo mo go tokafatseng matshelo a batho go tsholetsa seriti sa bone. O ne a kopa botlhe go tsenya letsogo fa go tlhaelang teng, a kaya fa go ithaopa go ka imolola puso morwalo wa go lebagana le tsotlhe tse setshaba se di tlhokang.

Mme Otaata Ketshele, morutabana yo mogolwane wa Guidance and Counseling o boletse fa dimpho tseo, di tla a ba tswa thuso mo sekoleng. Are sekole se na le baithuti ba le 686 mme letlhoko la bone le le kwa godingwana mo ditlamelong. 

“Re na le baithuti ba bantsi mo sekolong, mme ditlamelo di dinnye. E re le ntswa khansele e re thusa ka ditlamelo tse dingwe, ga di a lekana ka di sa tsenya mesangwana ya basetsana.

O ne a akgola ba kereke ya UCCSA, a bolela fa ditiro tsa bone di tlaa gwetlha le ba bangwe gore ba tsenye letsogo mo go thuseng puso, se a bolela se ka isa lefatshe la Botswana kwa pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Setilo

Location : Serowe

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Nov 2025