Lekgotla le thusa badiri ba pele
10 Nov 2025
Babereki ba pele ba meepo ya gauta kwa Afrika Borwa ba ba ka tswang ba ne ba amiwa ke bolwetsi jwa mafatlha jwa Tuberculosis le jwa Silicosis ka mabaka a tsa pereko ba ne ba phuthaganetse kwa kokelong ya Athlone mo Lobatse bosheng go sekasekwa le go tlhatlhobiwa gore ba tle ba fiwe dikatso tse di maleba.
Fa a bua mo potsolotsong ka Labone, mogolwane go tswa kwa Tshiamiso Trust kwa Afrika Borwa Rre Realeboga Shale a re ba thusa babereki ba pele le go amogela dikopo tse disha.
O ne a tlholosa gore ba amogela dikopo go tswa kwa go ba baneng ba amega mo mafatlheng mme ba ne ba direla mo nngweng ya dikhamphani tsa African Rainbow Minerals, Anglo American South Africa, AngloGold Ashanti, Harmony Gold, Sibanye Stillwater le ya Gold Fields kwa Afrika Borwa go simolola ka kgwedi ya Mopitlo ka ngwaga wa 1965 go fitlha ka kgwedi ya Morule ka ngwaga wa 2019.
Re Shale are jaaka ba tsweletse ka go thusa, ba kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng ka jaana bangwe ba tla ba sena bosupi jo bo tletseng jwa gore ba ne ba direla nngwe ya dikompone tseo.
O tlhalosa fa bangwe ba masika ba ba tlang mabapi le ba ga bone ba ba tlhokafetseng mme ba ne ba bereka kwa meepong eo, ba tla ba sa tshola bosupi jwa gore moswi o tlhokafetse ka mabaka a bolwetsi bo fe, ntswa ele bosupi jo bo tlhokegang gore ba thusiwe.
A supa jalo gore ba itemogetse gore go na le ba ba fetotseng maina, mme jaanong go tsaya lobaka go rurifatsa gore a ke nnete ke bone.
Mabapi le dikatso, Rre Shale a re ba go tlaa fitlhelwang ba ne ba amega mo mafatlheng kana ba tlhokafala ka mabaka a tsa pereko mo meepong eo ya gauta ba tlaa bona madi a a fa gare ga P84 000 le P200 000 mme selekanyo sa madi se motho a tlaa se bonang se tlaa laolwa ke ditshekatsheko tse di tlaa dirwang.
Ka jalo o ne a kopa gore babereki ba pele ba tle ka bosupi jotlhe jo bo tlhokegang gore ba kgone go thusiwa,
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Mothusi Modise a re o simolotse go bereka kwa meepong ya Afrika Borwa ka ngwaga wa 1980 mme o ne a direla ka fa tlase ga lefatshe kwa a neng a tshwarwa bolwetsi jwa Tuberculosis.
O ne a tlhalosa gore o ne a tlhokomelwa kwa kokelong ya moepo oo sebaka sa ngwaga mme ya re morago ga seo a ntshiwa kwa tlase a berekela kwa ntle.
A kaya jalo gore o lela selelo sa ga ragele ka gore dikarata tsa gagwe tse di supang gore o ne a tsaya dipilisi tsa TB di latlhegile ka go le sebaka a tlogetse kwa moepong oo. A re dilo di fetogile le one moepo oo o sale o tswetswe jaanong go sena kwa a ka bonang dipampiri teng.
Rre Buru Molefe le ene o tlhalositse gore o ne a berekela ka fa tlase ga lefatshe kwa meepong ya gauta kwa Afrika Borwa e le mmaakanyi wa didirisiwa go simolola ka ngwaga wa 1975 go fitlhelela ka ngwaga wa 1998 mme jaanong le ene a tsile go sekasekwa mafatlha go bona gore a ga a a amega le gore a bone dikatso fa a ka fitlhelwa a babaletswe.
Mme Kgalalelo Batsima o tlhalositse gore o ne a nyetswe ke rre yo a neng a berekela kwa meepong ya Afrika Borwa mme o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 2007 ka mabaka a Tuberculosis ka jalo o tsile go itseela ka tsebe go utlwa gore a ba lelwapa la gagwe ba tlaa atswiwa kana jang.
Ka jalo o ne a lebogela ba Tshiamiso Trust go ba lekola go ba tsisetsa ditirelo mo toropong eo.
Rre Desmond Tshweneyagae ene a re o berekile meepo ya gauta kwa Afrika Borwa dingwaga di le masome a mabedi le boraro a bereka go epa majwe go ntsha gauta mme a lebogela go diragatsa ditshwanelo tsa babereki ke ba Tshiamiso Trust. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Puisanyo
Date : 10 Nov 2025







