Moroto wa esi ga o ele
06 Nov 2025
Rre Ganakgomo a re tshwaragano ya puso le makalana a a ikemetseng e na le seabe mo go tlhabololeng lefatshe le batho ba lone.
Rre Ganakgomo o buile se fa khamphani ya disukiri ya Tongaat Hulett Botswana, e e tlwaelesegileng ka leina la Blue Crystal, e ne ya abela bagwebi ba ba botlana dimausu tse di lopileng P140 000.
Ratoropo o supile fa ka nako ya dipula, bagwebi ba sa theogele ba paledisiwa ke gore dithoto tsa bone di tlaa koloba.
Ka jalo a re mpho e, e tlaa ba thusa gore ba rekise le ka nako ya pula.
O boletse gore ba ba abelwang dimausu, ba dira maiteko a puso a boipelego le go nyeletsa lehuma.
A re maiteko a bone a boipelego, a dirile gore ba lemogiwe, ka jalo a ba rotloetsa go amogela mpho e tona e ka maatlametlo.
Ratoropo Ganakgomo o tsweletse a gwetlha ba dikgwebo tse dingwe go inaakanya le go thusa setshaba, go tsaya karolo go tlhabolola matshelo a Batswana mme a akgola thata ba khamphani ya Tongaat Hulett Botswana.
Mogolwane mo mohameng wa tsa papadi le thekiso kwa khampaning eo ya disukiri Rre Thapelo Mfosi o boletse fa tiro ya go aba e gwetlhilwe ke go batla go tsisa pharologanyo mo matshelong a setshaba.
A re maikaelelo a khamphani ke go tsisa pharologanyo mo matshelong a Batswana.
Rre Mfosi o boletse gape gore ba ikaelela go rotloetsa Africa mo isagong, le gone go dira gore go nne le bokamoso jo bontle jwa batho botlhe.
O boletse gore ba na le maikaelelo a mangwe a akaretsa botsogo le boitekanelo, thuto ya maemo a ntlha, a tlatsa ka gore khamphani e setse e dirile gole go ntsi jaaka go nna le seabe mo Diacore Gaborone marathon, go bereka le dikole tse dipotlana, a tlhalosa fa ba agile ntlwana ya borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa Mosu.
Rre Mfosi a re ngwaga le ngwaga ba bereka le Lobatse Town Council go akgola le go lemoga baithuti le barutabana ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaola-kgang.
A re ba tsweledisa maikaelelo a bone ka go tsisa pharologanyo mo setshabeng ka go abela bagwebi ba ba botlana dimausu go tsweledisa dikgwebo tsa bone.
Mookamedi wa Tongaat Hullet Botswana Rre Peter Freeman a re ba bone go tshwanela gore ba abele ba dikgwebo potlana dimausu gore ba kgone go lepalepana le seemo sa loapi fa se fetoga, a re seo se tlaa dira gore dikgwebo tsa bone di gole.
Rre Freeman o supile fa sengwe le sengwe se na le tshimologo a tsibosa fa dikgwebo tse dipotlana tse di tlaa godisa toropo ya Lobatse le lone lefatshe la Botswana.
Mongwe wa bagwebi ba ba abetsweng semausu Mme Ruth Motingwa o lebogetse se ba khamphani ya Tongaat Hullet Botswana e se ba diretseng morago ga go lemoga tshokolo ya bone bogolo jang mo diemong tsa phetogo ya seemo sa loapi jaaka diphefo le dipula, a tlatsa ka go akgola le yone khansele ya toropo ya Lobatse a re e ba thusitse morago ga go lemoga maiteko a bone e le bagwebi ba ba botlana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Gaborone
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Nov 2025






