Breaking News

Ipelegeng ba tlaa duelwa ka maranyane

05 Nov 2025

Modulasetilo wa khansele ya Tsabong Rre Elias Motlhanke a re babereki ba Ipelegeng ba tlaa duelwa ka maranyane a Orange Money le Smega morago ga gore khansele e itemogele ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go duelela babereki kwa posong.

Fa a bua mo diphutegong tsa kgotla kwa Tsabong bosheng Rre Motlhanke o boletse fa mo ngwageng ono wa madi wa 2025/2026 khansele e abetswe P19 million fela, madi a a supileng fa a le kwa tlase mme ka jalo a patika gore go thapiwe palo e potlana ya babereki ba Ipelegeng.

O ne a supa fa gape lenaneo leo le santse le sekasekwa go bona gore le ka tokofadiwa jang gore le tswelele le solegela Batswana molemo. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a khansele e le go dirisa madi a lenaneo la dikgaolo tsa botlhophi a CCP go tlhabolola nngwe ya dikago tsa puso gore e tle e dirisiwe e le lefelo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse tlhano ba kalwang teng.

Fa a bua ka lenaneno la SHHA Rre Motlhanke o ne a tlhalosa fa le fetotswe go nna la Bonno Housing Programme mme a lebogela gore banni ba le bantsi ba tsentse dikopo, a supa fa le ka tlhabolola matshelo a bone ka bangwe ba bone ba ka hirisetsa puso matlo a bone go e thusa go araba selelo sa tlhaelo ya boroko jwa babereki.

Le fa go ntse jalo o ne a gakolola banni ba kgaolo eo ba ba setseng ba akotse lenaneo la pele la SHHA go duela dikoloto tsa bone tse di saletseng kwa morago go thusa gore ba bangwe le bone ba thusiwe, a kopa jalo le ba ba tseelwang matlakala go duelela tirelo eo.

Rre Motlhanke o ne supa fa khansele e le yone e tlhokomelang bana ba dikolo ka dijo mme e tlaa tswelela e tokofatsa go ya pele gore bana ba seka ba tlhoka dijo mo dikolong jaaka e le maitlamo a yone. O boletse fa matlhabelo a leruo le le farologanyeng go akarediwa le dihutshane a a agilweng kwa Tsabong a setse a le mo seemong sa go bula dikgoro go ka dirisiwa mme rakontereka a setse a neetse ba lephata la lefatshe le temo-thuo mme bone ba tla a neela ba ba maeba ba BMC go a tsamaisa ka fa go tshwanetseng ka teng.

Modulasetilo o ne a supa fa khansele ya Tsabong e tsweletse ka letsholo kgatlhanong le tiriso ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo mme a kaya fa se swabisang e le go bo dikgang tsa mohuta oo di ntse di tsweletse ka go begwa. O ne a kopa le go gakolola borre ka e le bone ba supiwang ka monwana mo dikgannyeng tse go emisa kgokgontsho eo le gore e nne bone basireletsi ba bana jaaka go tshwanetse ga nna.

Mo go tse dingwe modulasetilo o ne a tlhalosa fa kago ya lebala le le botlana la metshameko la kwa Tsabong e tlaa re mo bagaufing e wediwe, a supa fa rakonteraka a setse a simolotse tiro. Modulasetilo o ne gape a rotloetsa batsadi le ba-tsaya-karolo botlhe go kgalemela bana ba bone ba ba tsenang kwa sekolong se se golwane sa Tsabong Unified Secondary School ka ba senya dikago tsa sekolo ebile ba inaakantse le tiriso ya motsoko le bojalwa, gape a bolela fa le boitswaro jwa bone e le jo bo fatlhang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : phuthego ya kgotla

Date : 05 Nov 2025