Kanye O Tlaa Tshwara Segopotso Sa HIVAIDS
05 Nov 2025
Dipaakanyo tsa segopotso sa ngwaga le ngwaga sa letsatsi la mafatshefathe la HIV /AIDS di tsweletse.
Molomaganya dikgang tsa tsa HIV/ AIDS wa kgaolo ya Kanye, Rre Kebonyemodisa Marumo o tlhalositse fa seemo sa bolwetse jwa HIV/AIDS kwa kgaolong ya Kanye e le selekanyo sa batho ba ka nna dikete tse tharo ka setlha sa ngwaga.
A re dipalo tse di gomagometsa banana ba ba nang le mogare ka dipalo tse di magareng ga masome mane le masome matlhano setlha sengwe le sengwe.
O tsweletse ka go tlhalosa fa se se raya gore ka ngwaga kgaolo e kwadisa dipalo di ka tshwara selekanyo sa makgolo a mabedi e le banana ba ba amilweng ke mogare.
“Se ga se matshwenyego a a kalo le fa ditsholofelo tsa rona e le gore go seka ga nna le ba ba tsenwang ke mogare gotlhelele”, a tlhalosa.
O supile fa dipalo tsa mogare o mosha di lemotshega segolo thata mo bananeng, a re bomme go supega e le bone ba ba itlhatlhobang kgapetsa kgapetsa ka dipalo tse di kwa godimo.
A re seemo se se tshwenyang ka go itlhatlhobela mogare ke gore, balekane ba bone ba bo rre, ba itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa tlase ka jalo sebe sa phiri e nna gore dipalo tsa bone di supa go amiwa ke mogare o mosha go le kwa godimo go fetisa bomme.
O sedimositse fa go tshegetsa letsatsi le go tlaa tswela kgaolo molemo ka jaana go na le thulaganyo ya go fitlhelela batho kwa metseng e e mabapi e tshwana le Lotlhakane East, Lorolwane le Gasista ka maikaelelo a go gakolola, go rutuntsha le go tsibosa setshaba ka bolwetse jwa HIV/AIDS.
Rre Marumo o tlhalositse fa se e le ka ntlha ya matshwenyego a boimana jwa banana segolo jang kwa motseng wa Lorolwane. Mabapi le go nna teng ga melemo ya diritibatsi tsa bolwetse mo dikokelong tsa kgaolo, Rre Marumo o tlhalositse fa go santse go na le melemo, le ntswa bosheng,ba ne ba tshwanelwa ke go diragatsa thulaganyo e ntsha lefatshe ka bophara go abela balwetse melemo ya selekanyo sa beke fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 05 Nov 2025






