Go tsoma ntle le teseletso go ile magoletsa
04 Nov 2025
Go tsoma ntle teseletso go ile magoletsa mo Okavango.
Ka jalo mapodisi a ikuela mo setshabeng go lwantsha bogodu jwa diphologolo jo bo kekelang kwa kgaolong ya Okavango bogolo jang kwa mafelong a sireleditsweng.
Fa a bua ka bogodu jwa diphologolo, Constable Peter Ramakoloi wa sepodisi sa Gumare a re ba tsweletse ka go amogela dikgang tse diphologolo tsa naga di bolaiwang kwa mafelong a tshireletso ya diphologolo.
Constable Ramakoloi a re go tsewa dikarolo dingwe mo go tsone jaaka matlalo le dinaka tsa ditlou, mme seo e le borukuthi.
O buile jalo kwa thuto-seka-dipuisanyong ya tshomarelo diphologolo tsa naga ya Sustainable Wildlife Management kwa Gumare ka Labobedi.
O supile fa go bolawa ga diphologolo ntle le teseletso go atile thata mo mafelong a tshireletsego ya diphologolo a NG26 le NG25 kwa Okavango.
Rre Ramakoloi a re phologolo ya Letswee e amega thata mme e tsomelwa go jewa ka yone e se borai jaaka tlou le tau. A re nare le tholo le tsone di a amega mo letsomong la bogodu.
O tlhagisitse fa e le molato go fitlhelwa ka se se belaesegang ele nama ya phologolo ya naga.
O ne a tswelela a tlhalosa fa go na le go tshwarwa ga ditlhapi mo go sa letelesegeng ka seelo se se kwa godimo kwa mafelong a a sireleditsweng.
Constable Ramakoloi a re go supa fa ditlhapi tseo di omisiwa di bo di rekisiwa kwa mafatsheng a a kwa ntle.
Kgosi Kenaletsala Fish wa motse wa Nokaneng o gwetlhile dikgosi go tshwaragana go lwantsha bogodu jwa diphologolo tsa naga.
A re dikgosi di tswa kgakala di na le karolo e kgolo mo tshomarelong ya di tsa tlholego jaaka diphologolo le makgobokgobo.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 04 Nov 2025






