Bodiragatsi bo ka oka baeti
04 Nov 2025
Kgosi Khama IV yo gape e leng tautona wa pele wa lefatshe leno o buile se kwa moletlong wa mmino wa Polka le Namastaap kwa Tsabong bosheng.
O tlhalositse gore ka nako ya fa e le tautona o ne a lemoga botlhokwa jwa go somarela, go godisa, go rotloetsa le go tsosolosa ngwao.
Ke ka moo, a neng a simolodisa a dikgaisano tsa ngwao le bodiragatsi ka ngwaga wa 2011 , tse di neng di tshwarwa ka malatsi a ga tautona ngwaga le ngwaga e le tsela nngwe ya gore bagaisane ba kgone go itshetsa ka ditalente le go tokafatsa matshelo a bone.
Kgosi Khama IV o tlhalositse fa mmino wa mmino wa Polka o ne wa tsholetsa serudumo sa Kgaolo ya Kgalagadi Borwa mme mo nakong ya gompieno o setse o aname le dikgaolo tse dingwe mo lefatsheng leno ka jaana ba ne ba o atla le go o kgatlhegela.
O ne a supa fa Polka Festival e ne e tlwaelesegile go tshwarwa ngwaga le ngwaga mme ka ntlha ya letlhoko la madi mo dingwageng tse di fetileng le ngwaga ono e ne ya seka ya tshwarwa.
Nngwe ya maikaelelo a gagwe, ke go tshwaragana le batsamaisi ba dikgaisano tsa Toyota Desert Race e e tlwaelesegileng ka leina la Mantshwabisi gore ba e fuduse go tswa Jwaneng go e tshegetsa mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka go le maleba ka e le kgaolo ya sekaka.
Kgosi Khama IV o ne a lebogela tiro ya letsatsi leo a bo a phophotha legetla Mme Diana Kaartzee yo e leng ene morulaganyi wa tiro eo ga mmogo le boeteledipele jwa motse.
Morulaganyi wa tiro eo yo ebileng e le moetelediple wa Annah Beela Trust Mme Kaartzee o ne a tlhalosa fa a simolodisitse Trust eo ka ngwaga wa 2022 maikaelelo e le go fokotsa lehuma le le aparetseng kgaolo le gone go tsosolosa mhama wa bodiragatsi ka mmino wa Polka le Namastaap le dingwao tse dingwe tse di tumileng mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Mme Kaartze o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mmino o, ka fa o binwang ka teng ke bomme le borre o rotloetsa go nna ka boitumelo, kagiso, lorato le tlhokomelo e bobedi joo bo tshwanetseng go tshela ka yone ka lorato kwa malapeng, mme seo se fokotse kgogontsho ee tsweletseng ka go kekela mo lefatsheng leno.
O ne a supa fa banana ba le bantsi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba setse ba inaakantse le mmino wa Polka le Namastaap ka thotloetso ya ga tautona wa pele Kgosi Khama IV, yo gape a boletseng a ne a simolodisa moletlo wa Khawa Dune Challenge, e e ngokang bajanala lefatshe ka bophara mme seo se tsisetse bagwebi ba ba botlana letseno le le botoka.
A re le tautona wa pele Dr Mokgweetsi Masisi o ne a tsweledisa jalo ngwaga le ngwaga dikgaisano tseo tsa Polka Festival di tshwarwa ga mmogo le Khawa Dune Challenge go tsosolosa ngwao ka go epolola ditalente tsa bodiragatsi le bokgoni jwa bone.
Mme Kaartzee o ne a supa fa Annah Beela Trust e ne ya itshwaraganya le SKI Foundation le dikompone tse dingwe tse di ba thusitseng go tshegetsa letsatsi la go ipelela ngwao ya mmino wa Polka le Namastaap ka di sa kgonagala go tshwarwa ngwaga o o fetileng jaaka e ne e le maikalelo a bone.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ditlhopha di le lesome le botlhano (tse nne tsa Namastaap le tse lesome le bongwe tsa Polka) di ne di natifisa mo letsatsing leo mme tsotlhe tsa atswiwa ka madi aa kanang ka P5, 000.
Go le pele fa a amogela batsena moletlo wa letsatsi, Kgosi David Toto ll o ne a leboga Kgosi Khama IV go lemoga a bo a rotloetsa ngwao tse di farologanyeng mo lefatsheng leno ka bophara.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Moletlo wa mmino
Date : 04 Nov 2025






