Boko o gomotsa boora-Mohwasa
04 Nov 2025
Mme Mohwasa o tlhokafetse Phalane a tlhola malatsi a le masome a mabedi le motso mme o bolokilwe kwa Sefhophe Phalane a le masome a mabedi le borobabongwe. Fa a fa tekodiso mo boemong jwa ba lelwapa, Mme Valeciah Mogegeh, o supile fa Mme Mohwasa a ne a tshwenngwa ke bolwetse jwa pelo.
Tautona Boko, o gateletse botlhokwa jwa popagano ya masika, bogolo jang mo dinakong tse di thata di tshwana loso.
A re ba ikaege ka Modimo mme ba amogele fa sengwe le sengwe se na le thulaganyo.
Tautona Boko o supile fa lephata la botsogo le lebanwe ke dikgwetlho jaaka tlhaelo ya melemo le tse dingwe, mme puso e dira ka gotlhe go batla ditsela tse di maleba go di rarabolola, gore setshaba se bone thuso e e maleba.
A re Batswana ba nne ka tsholofelo gore le fa theko ya diteemane e wetse tlase, seemo se se amileng itsholelo, dilo di tlaa boela mannong. Tautona Boko a re puso le ba-na-le-seabe ka go farologana, ba tlaa tswelelela ba thulanya ditlhogo, go tsaya ditshwetso tse di maleba e bile di tsisa pharologanyo.
A re puso e tsweletse ka go tsisa ditlamelo tsa botsogo tsa botlhokwa di akaretsa diipone tsa maranyane (X-ray and Scan) gaufi le batho go leka go fokotsa mesepele e bangwe ba e tsamayang go bona ditlamelo tseo le gone go fokotsa nako e telele ya go leta pele motho a ka bona thuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Sefhophe
Event : Kgomotso
Date : 04 Nov 2025







