Breaking News

Koporase ya Kgatelopele e batla maloko a masha

04 Nov 2025

Maloko a koporase ya peo le kadimo ya madi ya Kgatelopele SACCOS kwa Serowe ba rotloeditswe go emela dira ka natla go boloka le go adima madi  gore  koporase e  kgone go gola. 

Fa ntsha thotloetso kwa phuthegong ya ngwaga ya koporase eo bosheng, modupi wa  dibuka tsa madi go tswa kwa  lephateng la dikoporase kwa Serowe, Mme Irene Sebinyane a re maloko a maoto a tshupa go tsibogela pitso tsa koporase le go nna bonya go ntsha P50 wa setlamo sa boloko kgwedi le kgwedi.

A re bangwe ba rata go boloka madi fela mme ba seka ba adima, fa bangwe ba kgona go tsaa lobaka ba sa ntshe setlamo sa kgwedi le kgwedi, selo se se ba ba lelang letseno la koporase.

Mme Sebinyane a re sengwe se se tshwenyang ke gore maloko a koporase a felela mo seatleng, a tlatsa gore koporase e tsamaya sentle fa e na le letseno le le bonalang le gone go oketsa letseno ka merokotso e e lopiwang fa maloko ba adima madi.

O ba kgothaditse go tsaya malebela kwa dikopraseng tse dingwe tse di tsweletseng mo di setseng di na le dikgwebo tse di ba tsenyetsang madi.

A re dingwe di hirile babereki e bile di dira ditlhabololo mo metseng e di leng mo go yone. 

O rotloeditse maloko  go ngoka maloko a masha go godisa koporase. 

Koporase e tlhophile komiti e ntsha, e eteletswe pele ke Rre Kenneth Mpelega. 

E rile a buisa maloko a koporase morago ga tlhopho, Rre Mpelega o rotloeditse maloko go tshwaragana, maikaelelo e le go godisa koporase.

A re go etelela koporase ke tiro ya boithaopo, ka jalo e batla bopelotelele le thuto ee tseneletseng ya ka fa dikoporase di tsamaisiwang ka teng.

O kopile gore lephata la dikoporase le ba eme nokeng ka go ba direla dithuto ka tsamaiso ya dikoporase le melawana ee di laolang. 

O rotloeditse banana go tsena mo dikoporaseng ka gotwe maoto a nong ke phofa.

A re se se tshwenyang ke gore bontsi jwa maloko a dikoporase ke bagolo ba ba dumelang mo go bolokeng madi fela mme ba sa adime.

Modulasetilo wa pele, Rre Onitame Lefhoko a re mo tshimologong ba ne ba goga ka thata, maloko a sa ntshe madi e bile ba sa tsene diphuthego mo go dirileng gore go fete dingwaga di feta lesome ba sena bokopano jwa botlhe jaaka gompieno ba dirile.

A re leloko le lesha le ikwadisa ka madi a P100, le bo le reka diabe tsa P500. 

O tladitse ka gore go nna leloko o tshwanetse wa bo o le dingwaga di le lesome le boferabobedi le go feta, mme kgwedi le kgwedi o boloka P50.

Rre Lefhoko a re koporase e na le maloko a le 54, bomme ba le 30 le borre ba le 24. 

A re koporase e gweba ka go adimisa madi a duelwang a na le morokotso, a tlatsa ka gore mokgatlho o nnile la ditatlhegelo ka gore bangwe ba ba adimang madi ba palelwa ke go duela ka nako.

O boletse fa ba tlhoka setsha se ba direlang mo go sone. 

A re ba tlhoka maloko a banana gore mokgatlho o gole, a tlhalosa fa bagolo ba sa tsene  bokopano sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya ngwaga

Date : 04 Nov 2025