Kentelang diruiwa Molafo
28 Oct 2025
Lefatshe ka bophara le itlamile gore e re ka 2030 abo bolwetse jwa molafo bo sa tlhole bo le teng.
Fa a bua kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshefatshe sa bolwetse jwa molafo bosheng, motshwarelela mokwaledi wa Lephata la Lefatshe le Temo-Thuo, Rre Thapelo Leareng a re borai jwa molafo ke gore diruiwa di kgona go bo tshela batho.
“Ngwaga le ngwaga, re tswa letsholo go kentela dintsa le dikatse bolwetse jo, mme ka nako tsotlhe go nna le bothata jwa gore batho ba seka ba tlisa dintsa le dikatse tsa bone go tla go kentiwa,” Rre Leareng a tlhalosa.
A re se ke sone se dirang gore go nne le kgonagalo ya go tlhagoga ga bolwetse nako nngwe le nngwe. Rre Leareng o kopile setshaba go tlogela diphologolo tsa naga kwa nageng, go itsa kanamo ya bolwetsi.
Dr Kobedi Segale, go tswa kwa lephateng la bakenti, o tlhalositse fa go le motlhofo go lemoga dikai tsa bolwetse. O kopile setshaba go sa latlhelela leruo lwa bone ka go dira jalo go ka baka gore le saile gongwe le gongwe, mo le ka felelang le le diphatsa mo setshabeng.
A re ba dule letsholo la go kentela molafo mo lefatsheng, maikaelelo e le go lwantsha kanamo ya jone. O gakolotse batho go potlakela kwa kokelong fa ba lomilwe ke dintsa tse di supang dikai tsa bolwetse, a bo a kopa ba tswa setlhabelo go feta ka bone gore ba rurifatse gore a ntsa e ne e kile ya kentelwa molafo.
Dr Ompatile Koobonye go tswa kwa lephateng la botsogo ene o tlhalositse bodiphatsa jwa molafo mo bathong a re bo kgona go baka leso.
“Bolwetse jo bo tsena motho fa a ka ja nama ya seruiwa se se amilweng ke bolwetse, fa a ka lomiwa ke seruiwa se se amilweng ke bolwetse kgotsa go amana le mathe a seruiwa se se nang le bolwetse, Dr Koobonye a tlhalosa.
A re bolwetse jo, bo tsaya lebaka go itshupa mo bathong mme go botlhokwa go potlakela bongaka fa motho a nnile le kamano le seruiwa kgotsa diruiwa tse di belaesegang di na le bolwetse.
A re dipalo tsa bolwetse di ile magoletsa, a supa fa mo ngwageng wa 2021 ba gatisitse dikgetsi di le 83 mme mo ngwageng wa 2022 di nnile 98, 2023 go begilwe 204, 2024 dikgetsi di le 259 fa ngwaga ono go simolola kgwedi ya Hirikgong go fitlhela nako e di setse di le 129.
“Dipalo tse ga se gore di mmogo ka bangwe ga nke ba itekodisa mme ebile bangwe ba nna fela ba re ba siame mme ebile le fa ba lomilwe ke diruiwa ba seke ba ikatumeletsa fa go ba bongaka ba ikokela kwa malwapeng,”Dr Koobonye a tlhalosa.
World Organisation for Animal Health representative, Dr Moetapele Letshwenyo o tlhalositse fa mafatshe otlhe a dumalane gore ga a na seipato sa go palelwa ke go lwantsha bolwetse jwa molafo. A re ga go a tshwanela go nna le dipalo tse di kana tsa bolwetse.
Dr Letshwenyo a re bolwetse jo, bo tshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo, ke ka moo ba lekang go gasa molaetsa ka bodiphatsa jwa jone. A re Botswana o lesego ka melemo e dirwa mono gae mme ebile go kentiwa mahala go na le kwa mafatsheng a mangwe.
“A re itse gore ntsa nngwe le nngwe kgotsa katse e e kentiwang e laola bolwetsi le kgolo ya jone,” Dr Letshwenyo a supa.
Go tswa kwa lephateng la Botswana Vaccine Institute, Mogolwane Rre Andrew Madeswi o kaile fa letsatsi la segopotso sa bolwetse jwa molafo le le botlhokwa ka le thusa go tsosolosa thuto e e tlamang mongwe le mongwe go tsaya karolo le go nna le boikarabelo go bo lwantsha.
“Re dira melemo mo Botswana mme ebile re setse re kile ra dira wa tlhako le molomo, wa lekgwafo, wa leroborobo, kwatsi le e mengwe mme re na le o ne wa molafo,” Rre Madeswi a supa.
A re ba setse ba kile ba thusa le mafatshe a mangwe ka melemo, ka ba na le bokgoni jwa go ka ipelega segolo bogolo mo malwetsing a diruiwa ka bontsi.
Rre Madeswi re ka nako e ba setse ba ntshitse melemo e e lekgolo go ka thusa go lwantsha bolwetse jwa molafo. O supile fa mokento e le one tsela le boammaruri go lwantshana bolwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Taupye
Event : Segopotso
Date : 28 Oct 2025



