Kankere e tsweletse ka go gapa matshelo a batho
28 Oct 2025
Mogolwane kwa khanseleng ya toropo ya Lobatse, Rre Desmond Tshotlelo a re bolwetsi jwa kankere bo gapa matshelo a batho ka dipalo tse dintsi mo lefatsheng leno le lefatshe ka bophara.
Rre Tshotlelo o buile jalo ka Labotlhano kwa Lobatse jaaka gone go tshwerwe segopotso sa bolwetsi jwa kankere ya lebele jo a boletseng bo ama bomme le borre, mme a kgothatsa badiri ba khansele ya toropo ya Lobatse gore ba dire ditlhatlhobo gore ba itse botsogo jwa bone. O boletse gore bolwetsi jwa kankere bo a laolesega mme bo fole fa bo tshwerwe ka nako.
E rile a ema badiri ka lefoko, mooki kwa kokelong ya Athlone mo Lobatse, Mme Lesedi Setilo a bolela fa gona le tse di oketsang kgonagalo ya go tsenwa ke kankere ya lebele jaaka go goga motsoko le go nwa bojalwa phetelela, go ja dijo tse ditlhabolotsweng, tsa katologanyo tsholo, segotso, lesedi la dipone le la mesokelatsebeng (phones) tota.
O boletse gore kankere ya lebele e kgona go simolola e kare tlhaka ya lebele mme e gole gonna kgwethe, a tlatsa ka gore e kgona go nna botlhoko kana e seke e nne botlhoko.
Mme Setilo o tsweletse a tlhalosa gore motho fa a dira tlhatlhobo kwa lwapeng o tshwanetse go simolola kwa legwafeng mme a dire le mo legetleng, le gore a ele tlhoko gore a mabele a a lekana a re motho o ka dira seo ka go dirisa seipone.
Mooki yo mongwe Mme Lesego Masilo a re dithuto tsa botsogo di tshwana le tsa kankere di tshwanetse tsa tsewa ka tlhwaafalo le gore thuto e fetisetswe kwa baneng kwa malwapeng.
O tlhalositse gore kalafi ya kankere ga e tshwane, a re go tswa fela gore kankere e tshwarwa e le fa kae. Mme Masilo a re fa kankere ele mo ditshikeng e a jwelela, a tlatsa ka gore mebele ya batho ga e tshwane mme go botlhokwa gore molwetsi a tseye kalafi ya gagwe go ya ka ditaelo tsa ba bongaka.
Makalana a botsogo le a a ikemetseng a ne a tlhatlhobela batho malwetsi go akaretsa kankere ya lebele, madi a matona, sukiri, le mogare wa HIV. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Segopotso
Date : 28 Oct 2025



