Monna o bonwe a tshela
28 Oct 2025
Monna wa dingwaga tse di masome a marataro le borobabongwe wa kgotla ya Moiphisi kwa Letlhakeng, yo o saleng a nyelela kgwedi eno e le lesome le borataro, o bonwe a tshela kwa masimong a Skhosana.
Mogolwane wa mapodise kwa Letlhakeng, Superintendent Amos Kekgathetse, o tlhalositse fa monna yoo a begilwe a nyeletse kgwedi eno e le lesome le borataro, mme go tlhalositswe fa a nyeletse kgwedi eno e le lesome le botlhano.
Mogolwane wa mapodise o tlhalositse fa monna yoo a bonwe kwa masimong a Skhosana a itekanetse, kgwedi eno e le masome a mabedi le bone. Supt Kekgathetse o supile fa motswasetlhabelo a tswa kwa kgotleng ya Molehele kwa Letlhakeng.
E ntse e le kwa Letlhakeng, mapodise ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, ba tshwereng monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa kgotla ya Matlhalerwa kwa Molepolole, ka setlhatshana se ba belaelang e le motokwane, ka Tshipi kwa Khudumelapye, kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro.
O tlhalositse fa setlhatshana seo e le sa bokete jwa 500g, mme ba emetse ba ba dirang ditshekatsheko go netefatsa gore setlhatshana seo ke eng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 28 Oct 2025



