Breaking News

Seemo sa melemo se a tokafala

27 Oct 2025

Tona wa Lephata la Botsogo, Dr Stephen Modise o tlhalositse fa seemo sa melemo le didiriswa tsa kalafi mo lefatsheng leno di simolotse go tokafala.

A re puso e tsweletse ka go dira go tlhomamisa gore seemo seo ga se ipoeletse mo isagong.

Fa a bua kwa phuthegong ya bokopano le babega dikgang ka Labotlhano mo Gaborone, mabapi le seemo sa tshoganetso se se neng sa ntshiwa ke Tautona Advocate Duma Boko ka Phatwe monongwaga, Dr Modise a re puso e dirile ka ditsela tse di farologaneng go rarabolola tlhaelo ya melemo e e neng e ama dikokelo lefatshe ka bophara.

“Ke itumelela go bolelela setshaba gore seemo se simolotse go tokafala. Re simolotse go bona melemo e amogelwa kwa dikokelong, mme re solofela gore kwa bofelong jwa ngwaga, seemo se tlaa nna se sentle thata,” ga bua Dr Modise.

O ne a tlhalosa fa go ne gole boutsana ka tlhaelo e ne e le ntsi thata, a re go tswa ka kgwedi ya Phukwi dipilisi di ne dile kwa tlase fela thata ka selekanyo sa 17 per cent, mme seemo seo se a tsholetsega ka jaanong ka Phalane se le mo go 36 per cent. O kaile fa ba na le tsholofelo ya go fitlhelela 97 per cent ka Sedimonthole ngwaga ono.

A re ditsholofetso tsa go tokafatsa seemo sa melemo di rurifaditswe ke mafatshe a a farologaneng a akaretsa a Cyprus le United Arab Emirates a a neng a nna a ntlha go tswa lefatshe leno thuso.

A re le dikompone tsa mo gae di akaretsa tsa HB Botswana, Cospharm Investments, Maun Private Hospital le LaGrace Medical Centre le tsone di ne tsa thusa. Dr Modise a re ba World Health Organization le bone ba tsweletse go ema Botswana nokeng, a bolela fa mafatshe mangwe a santse a tlaa romela dithuso tsa one.

Mabapi le go phatlalatsa melemo go ralala lefatshe leno, tona o boletse fa Botswana Defence, Force  Central Medical Stores le Botswana Post di ne tsa abelwa tiro ya go tsamaisa melemo eo.

O ne a tlhalosa fa tsamaiso ya theko ya melemo e le botlhokwa e bile e patelediwa ke melao e e maleba. A re ka jalo, ba ne ba netefatsa gore melemo e e tsenang mo lefatsheng leno e bolokesegile e bile e siametse tiriso.

Tona o tlhomamiseditse setshaba gore melemo e mentsi e setse e le mo tseleng, go akaretsa e e tswang kwa Canada, Germany le mafatshe a mangwe, mme e tlaa thusa kwa go nang le tlhaelo, go netefatsa gore lefatshe leno le seka la tlhola le kopana le seemo sepe gape sa tlhaelo ya melemo.

Dr Modise o ne a lebogela setshaba bopelotelele mo seemong se se neng se sa iketla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Puisanyo

Date : 27 Oct 2025