Breaking News

Balemi ba gakololwa go dirisa methale e mesha ya temo-thuo

27 Oct 2025

 Balemi ba kgaolo ya Machaneng ba gakolotswe go dirisa methale e mesha ya temo-thuo go tokafatsa temo ya bone.

 Ba gakolotswe jalo ke mogolwane wa pele wa lephata la dijwalo, Rre Galeitsiwe Ramokapane kwa moletlong wa letsatsi la balemi kwa Machaneng bosheng. Rre Ramokapane o rotloeditse balemi go dirisa thuto e ba e filweng mo letsatsing leo, a re fa ba ka e dirisa e ka tsisa maduo a a botoka.

O ne a ba rotloetsa go tshwaragana e le balemi-barui a supa fa tshwaragano ya ba-na-le-seabe ka kakaretso e ka ba thusa go tsosa temo-thuo ya lefatshe leno e a supileng e wetse tlase.

O boletse fa letsatsi la balemi le haphegile ka jaana le ba fa sebaka sa go tla go rutwa, go rutana, le go amogana maele ka temo-thuo. A re gape ke go tla go rotloetsana le go lemotshana gore mongwe le mongwe o ka kgona go tsaa karolo mo temo thuong.

A re balemi ba tswa kgakala ba rutwa, a tlhalosa fa ele nako ya gore ba itseye motlhala le gore ba dira eng go tlhabolola temo ya bone. Rre Ramokapane a re dithuto di teng mathata balemi ga ba di dirise, a tlhalosa fa mananeo a puso ka go farologana a tsile e bile a tsamaile motlhala one o sa bonale.

A re masimo ke matlotla, a ntse dikgwa ebile a medile ditlhare, mathata e le go tlhoka go fetola megopolo mme a ba kgothatsa go dira dilo tsa bogologolo tse dineng di nonotsha temo.

 A re gompieno lefatshe le itemogela phetogo ya loapi ka dipula di sa na jaaka pele. Rre Ramokapane a re masimo a fedile, le mmu o sule a tlhalosa fa e le gone mo go dirang gore thobo e nne kwa tlase.

 O rotloeditse balemi go baakanya le go nonotsha mmu le gore ba nne kwa masimong bogolo jang ka nako ya temo.  Rre Ramokapane o kgotlhaditse balemi go tshwaragana le go emana nokeng mme ka jalo ba fetole temo thuo gore e tle e godise itsholelo ya lefatshe leno.

Rrabalemisi wa Kgaolong ya Machaneng, Rre Frederick Rantsho o boletse fa maikaelelo a letsatsi le ele go rotloetsa balemi go tsaya temo ka tlhwaafalo.  Rre Rantsho a re maikaelelo a letsatsi ke go ruta balemi go dirisa methale ya segompieno ya temo e e tshwanang le temo ya tshomarelo bokgola le e mengwe.

Letsatsi le, lene le tshwerwe ka setlhogo sese reng: Tiriso ya methale ya segompieno go oketsa thobo.

Molemi wa Sarflower, Rre Babusi Olatotse o ne a tlhalosetsa balemi ka setlhatshana seo a supa fa sele bogadi bo gaufi. A re temo ya Sarflower e botlhokwa ka jaana go se sepe sese latlhiwang mogo sone a tlhalosa fa se jewa ele morogo, fa dithunya le medi di thusa mo botsogong.

Fa a fa leboga, mokhanselara wa kgaolo ya Machaneng Rre Keipeile Mathanjane o kopile balemi go emela temo ka dinao gore bantshe dijo tse di bonalang tse di ka jesang lefatshe leno. A re temo - thuo e botlhokwa e bile e nonofile goka tsosolosa itsholelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Machaneng

Event : Moletlo

Date : 27 Oct 2025