Breaking News

Kopanelang thuto ya bana le barutabana

27 Oct 2025

Batsadi ba baithuti ba ba tsenang kwa sekoleng se botlana sa Motetshwane kwa Serowe ba rotloeditswe go rwala boikarabelo jwa go tshwaraganela bana le barutabana.

Go buile jalo morotloetsi mogolo wa sekolo seo, moruti e bile ele morutabana wa pele rre Kabelo Tawana yo gape e leng motlhokapono, mo letsatsing la kabo dimpho ya baithuti le go leboga ba ba neng ba kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ngogola, le bana ba dithuto tse di haphegileng ka Labone.

Rre Tawana o boletse fa batsadi ba file tshwene marapo mo go tlhokomeleng bana ba bone a bolela fa mokgweleo o rwelwe ke barutabana. A re batsadi ba re ba tshaba go tlhokomela bana ka mabaka a ditshwanelo tsa bone mme a bolela fa ele seipato fela ka batsadi ba tshaba go tsaya boikarabelo mo tlhokomelong ya bana ba bone.

Rre Tawana a  re baithuti ba dithuto tse di haphegileng ba saletse kwa morago thata ka gore go sokamelwa thata kwa go ba ba itekanetseng. A re baithuti bao ba ka palelwa ke go bala le go kwala mme ditiro tsa diatla ba tlhaga thata mo go tsone.

O boletse fa sekole sa Motetshwane e le sone fela se se nang le dithuto tsa bana ba ba-na-le-bogole mo kgaolong ya Serowe mme se dira sentle mo dithutong tsa lekwalo la bosupa jaaka ngogola se tsere maemo a bobedi ka 91.2 per cent,mo kgaolong ya Serowe.

Rre Tawana a re le mororo dikgwetlho di le teng, ga ba kgobege marapo ka ba tla tswelela ba di ralala fela go ya phenyong. O boletse fa ba tlhaelelwa ke dingwe tsa dikago le ditsompelo tsa sekole mme ba leka ka gotlhe mo ba nang le gone.

O rotloeditse batsadi le barutabana go itse le go bala thata melao ya ditshwanelo tsa bana gore ka moso ba seka ba ipata ka gore ga ba kgaleme bana ka gore ba na le ditshwanelo.

Mothusa Mogokgo wa pele wa sekole seo, Mme Gogaufi Matlhogonolo o kaile fa ba ipelela phenyo ya bana ba Motetshwane ka go ba abela dimpho ele go ba rotloetsa go tswelela ka tlhoafalo mo dithutong tsa bone go ya pele.

A re sekole sa Motetshwane se simolotse ka ngwaga wa 1972, mme gompieno se na le baithuti ba le 619, ba special unit bale 82, le di reception class tse pedi.

Mongwe wa baithuti ba sekole seo yo o neng a dira sentle ngogola jaanong a tsena kwa sekoleng se se segolwane, Ame Gaoage, o lebogile barutabana ba nako eo ba ba dirileng gore ba dire sentle mo dithutong tsa bone. O rotloeditse ba batlang kwa morago go tsenya moko mo dinameng, ba tlhwaafalele dithuto tsa bone le fa ditsompelo di tlhaela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Kabo dimpho

Date : 27 Oct 2025