Breaking News

Bakgweetsi ba bomme ba rotloetsa tirisanyo mmogo

27 Oct 2025

 Le fa bomme ba tsere kgato go tsena mo kgwebong ya go tsamaisa dikoloi tsa setshaba, maikutlo a a kgethololang a santse a le teng.

Bomme bangwe ba ba dirang tiro eo mo Maun ba bolela fa ba santse ba lebanwe ke go sa tshepiwa, le go nyadiwa ka mafoko a a reng basadi ga ba itse go laola dikoloi sentle.

Mme Kewame Mmusi (41), o tlhalositse fa bakgweetsi ba bomme ba sa ntse ba lebagane le matlhotlhapelo a a dirwang ke batho ba ba sa batleng go amogela gore basadi ba na le bokgoni jwa go dira tiro e e tlwaelegileng e le ya borre, ya go kweetsa dipalamo tsa setshaba.

“Go santse go na le batho, bogolo jang bomme, ba ba sa batleng go tsena mo dikoloing tse re di tsamaisang, ba feta fela ba emetse rre gore a ba bitse mme seo se supa lenyatso le ntswa re bereka ka bokgabane, re dira tiro ka boineelo,” ga bua Mme Mmusi.

O supile fa go le botlhokwa gore bomme ba itshepe, ka gore ditiro tsotlhe di ka dirwa ke mongwe le mongwe yo o nang le keletso.

“Ga go na tiro ya monna kgotsa ya mosadi, fa o itse tiro ya gago, batho ba tlaa go tlotla e bile ba tlaa lemoga maiteko a gago mo go se o se dirang” a gatelela jalo.

Mokgweetsi yo mongwe, Mme Keabetswe Sego (31), le ene o dumalane le mme Mmusi, a bolela fa maikutlo a a kgatlhanong le bomme mo tirong eno a senya mowa wa tirisano mmogo.

“Bomme bangwe ga ba re tshepe, ba tsaya gore fa o le mosadi ga o kake wa kgona go tshwara tsela kgotsa go laola koloi sentle. Se se dira gore re lebagane le mathata a go bona bapalami kgotsa go tswelela mo kgwebong,” a tlhalosa jalo.

Mme Sego o supile fa a sa ntse a tshepa gore setshaba se tlaa fetola maikutlo, mme batho ba tlaa simolola go bona bokgoni pele, e seng bong jwa motho.

Bakgweetsi bao ba bomme mo Maun ba supile fa tiro eo ya bokgweetsi, e na le tse di nonofileng tsa matshelo, mme ba ikaelela go tswelela ba e dira le go kgothatsa bomme ba bangwe go tsena mo go yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaolethoo Kgatitswe

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 27 Oct 2025