Go botlhokwa go Sireletsa dijo Tsa Setso
23 Oct 2025
Banni ba Maun ba re e re le ntswa dijo tsa setso di le botlhokwa mo go nonotsheng botsogo, sebe sa phiri ke gore tshireletsego ya dingwe tsa tsone e a tlhobaetsa.
Ba boletse fa ba tswa kgakala ba tshela ka di-tswa-nageng jaaka maungo a tshwana le motsentsela, mokolwane, mogorogorwane, mmupudu, mokotsomo le tse dingwe mme ba ne ba di bapala ba bo ba di ja di sa tlhatswiwa.
Ba supile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lephata la botsogo le ba temo-thuo ka Labobedi kwa Maun.
Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go utlwa le go tsaya megopolo mo ba-tsaya-karolong ka go farologana go bopa lenaneo la lefatshe la tshireletsego ya dijo.
Monni mongwe Mme Kegomoditswe Ndulamo a re dijo tsa setso di mosola thata ka jaana di sa tshabelelwe ke go ba bakela batho malwetsi jaaka tsa segompieno, mme jaanong kgwetlho e le go bo di sa tlhole di bonala motlhofo jaaka pele.
A re koketsego ya diphologolo tsa naga kwa mafelong a maungo a bapalwang kwa go one ke nngwe ya tse di bakang phokotsego ya go jewa ga di-bapalwa-nageng ka diphologolo di baya matshelo a batho mo diphatseng.
Mme Ndulamo o boletse fa dingwe tsa dijo tse ba di jang di bonwa mo nokeng, fa dingwe di tswa kwa masimo jaaka tsa temo di akaretsa mmidi, mabele, dinawa, madila le nama e ba neng ba e itlhabela ka jaana e le barui.
A re pabalesego ya dijo dingwe e a tlhobaetsa, a supa fa kwa merakeng ba kgona go ja nama e e dikologileng seolo fa bangwe ba tlhaba ba bo ba dira digwapa mme ba di anega mo mafelong a a sa sireletsegang.
Mme Opelo Monaga ene o kaile fa dingwe tsa dijo jaaka dinawa di tshabelelwa ke tshupa mme a tlhalosa fa bangwe ba dirisa molora wa leiso go e lwantsha.
Mme Monaga o tlhalositse fa kwa merakeng bontsi bo nwa metsi mo nokeng, megobe le didiba mme metsi ao a sa babalesega ka a sa tlhatlhobiwa.
A re kwa magaeng le gone bontsi bo itlhokomolosa botlhokwa jwa pabalesego ya dijo ka ba itlwaeditse go ja maungo a a rekwang ba sa a tlhatswa.
Bangwe ba banni bone ba ne ba kgalela marekisetso mangwe go ba jesa dijo tse di sa babalesegang, ba kaya fa mangwe a one a ba rekisetsa bareki dijo tse di senyegileng, tse go le gantsi di digwang ditlhwatlhwa go ngoka bareki.
Ba kopile puso go tsenya kgang eo leitlho ka jaana e baya botsogo jwa bareki mo diphatseng. Banni ba kopile gape lephata la khansele la Bye-Law go tlhatlosa mosepele mo go netefatseng gore madirelo a dijo a rekisa dijo tse di babalesegileng le gone gore di apeelwa fa go leng phepa teng.
Mongwe wa banni o supile fa marekisetso mangwe a a ja bareki ntsoma bogolo jang ba ba thusiwang ke khansele. A re dikgwebo tseo di oketsa ditlhwatlhwa mme lemme le le fiwang bone batlhoki le ba paledise go reka dijo tsotlhe tse ba di tlhokang ka ntlha ya boturu.
A re go a swabisa gore e re puso e leka bojotlhe go namola bao ba ba tlhokileng lesego mo manokonokong a lehuma, bangwe bone ba bo ba tsweletse ka go folodisa maiteko ao mme a kopa puso go sekaseka gore a e ka seke e laole ditlhwatlhwa tsa marekisetso ao kana go letlelela batlhoki go reka kwa ba ratang teng.
E ne e rile go le pele, mokhanselara wa kgaolwana ya Kgosing/Kubung, Rre Magonamo Mmolainyana a rotloetsa banni go ntsha megopolo ya bone ka jaana e ka thusa puso mo go bopeng lenaneo le e le eletsang go nonotsha pabalesego ya dijo.
A re kgaolo ya bone e humile di-tsa-tlholego. Rre Mmolainyana o supile fa e le boammaruri ba tshela ka dijo tse ba di bapalang mo nageng.
O tsweletse a supa gape fa mo kgaolong, banni ba ikaegile ka temo-thuo ka e le yone botshelo jwa Motswana.
Fa a leboga, Kgosi Cathrine Matlhare wa kgotla ya Old Disana o ne a lebogela banni go arogana megopolo le ba lekoko le le rumilweng ke pus,o, a re o dumela fa e tlaa ba thusa go fitlhelela maikaelelo a bone. O boletse fa e le boammaruri Batswana ba a ja dijo tse di sa babalesegang mme a itumelela maiteko a puso a go bopa lenaneo le le tla kopanyang maphata go diragatsa se se tshwanetseng go sireletsa ditshwanelo tsa bareki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Oct 2025





