Kgosi o tshwengwa ke dipalo tsa Batswakwa ba ba senang tetlelelo
23 Oct 2025
Kgosi Thuso Wasetso wa Tati Town o tlhalositse fa go nna le batswakwa ba ba sa tsenang ka fa molaong mono go ile magoletsa kwa kgaolong ya gagwe.
Kgosi a re go le gantsi, bangwe Batswana ha hirisetsa batswakwa segolo bogolo ba lefatshe la Zimbabwe, fa bangwe ba ba fa maroko gore ba ba berekele mme ba bangwe ba nna le bone e le bakapelo ba bone, a re mme dilo tse di na le ditlamorago tse di sa siamang.
O boletse fa bontsi jwa batswakwa ba amega mo dikganyeng tsa kgokgontsho ya bong ka ba fitlhelwa ba beditse kana ba gobaditse bakapelo ba bone, le go amega mo ditirong tsa borukutlhi ka go farologana.
“Bomme ba rona ba banana ba nna le batswakwa ba ba sa tsenang sentle mo lefatsheng, se se lemosega fa go sena go nna le dikgang tsa kgokgontsho, ere mapodisi ba tlhotlhomisa ba fitlhele e le gore ga bana dimpapiri tse di ba letlelelang go nna mo lefatsheng leno”, ga tlhalosa Kgosi
Kgosi a re sebe sa phiri mo dikganyeng tsa kgokgontsho, ke batswa setlhabelo ka ba na le go gana go fa bosupi gammogo le go tsholola dikgetsi, mme se se ketefalele ba sepodise tiro.
A re se, se a swabisa ka dikgetsi tse di golela pele, ka go kgona go fitlhela di ka nnna bobedi go ya kwa borarong mo bekeng.
O kaila fa batswakwa ba setse ba dira go rata le go kgona mono ka dipalo tsa bone di dintsi ba dira ditiro tse di farologanreng jaaka go rekisa melemo ya mafele, go loga meriri le tse dingwe.
A re seemo se se imela le bone ba lephata la tsa mesepele (immigration) ka ba tshwanelwa ke go nna ba ba busetsa kwa lefatsheng la bone, mme go sena ditsompelo ka jaana lefatshe le lebaganwe ke itsholelo e sa direng sentle.
Kgosi Wasetso o ne a gakolola setshaba go ikgapha mo mekgweng e ya go fa batswakwa ba ba sa tsenang sentle mo lefatsheng leno ka jaana go baya matshelo a batho mo diphatseng.
O ne a tlhalosa fa setshaba se ke se nne podi matseba mo dikganyeng tse, se tlaa iphitlhela se le mo letlhakoreng le sele la molao ka ba ka lebisiwa molato wa go thusa motho yo o sa tsenang sentle mo lefatsheng.
O tlhagisitse setshaba go ikgapha mo mekgweng e e sa siamang e bile e ka bayang sechaba mo bo diphatseng, a re ba nne matlho a setshaba, go se babalela le go sireletsa lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Oct 2025




