Breaking News

Malapa a Feta Lekgolo a Bone Dithuso Tse di Maleba

23 Oct 2025

Malwapa a feta lekgolo kwa Mmadinare a bone thuso e e maleba morago ga tshenyo ya pula e e neng ya na ka bosheng.

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Mookodi Seisa o tlhalositse fa di tshekatsheko di ne tsa dirwa ke lephata la boipelego go tswa kwa khanseleng ya Mmadinare, go thusa ba ba ka tswang ba amegile.

A re malwapa a le mabedi a tsweletse ka go thusiwa ka dijo fa ba le masome a mabedi le borataro ba amogela tshidilo maikutlo, fa ba malwapa a mangwe le bone ba ne ba fiwa boroko jwa nakwana.

Rre Seisa o supile fa pula e ne ya ama thata marulelo a matlo ka bontsi, a re ba malwapa a dithoto tse di sentsweng ke pula go ne ga fudusiwa dingwe dilwana tsa bone, go di isa kwa matlung a a sa amegang.

A re pula e e neng ya gosomana ka Tshipi e ne gape ya baka tshenyo kwa dikoleng tse dipotlana, e bong St Peters, Tlapalakoma ga mmogo le sa Kelele, a re le fa gontse jalo, tshenyo e e diragetseng e ne ya seka ya kgoreletsa dithuto tsa letsatsi go tswelela .

Rre Seisa a re go nnile motlhofo go ka fudusa baithuti go ba isa kwa matlong a mangwe a borutelo ka bana ba lekwalo la bosupa ba ne ba setse ba feditse go kwala ditlhatlhobo tsa bone mme seo, se dire gore go nne motlhofo gore mangwe matlo a borutelo a bo a sa dirisiwe.

O supile gape fa pula e ne ya baka tshenyo kwa ditshimong tsa temo ya merogo, a kaya fa bangwe ba setse fela ba itshopere ntateng ya sefako se ne sa senya dijwalo.

Go sa le foo o tlhalositse fa borre bangwe ba le babedi kwa merakeng e e mo tikologong ya Mmadinare le bone ba ne ba nna bangwe ba ba tswa setlhabelo.

A re, a le mongwe dipudi tsa gagwe di le lesome le botlhano di sule fa yo mongwe dinku tsa gagwe di le lesome le bone le tsone di sule.

Rre Seisa o boletse fa seemo mo motseng se boela mannong, a supa fa ba tlaa tswelela ba se beile leitlho ebile ba eme malala a laotswe go ka thusa fa go tlhokega. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 23 Oct 2025