Breaking News

Thuto ga-e-golelwe pula-madibogo

22 Oct 2025

Le fa bontsi bo santse bo le maoto a tshupa go ikamanya le thuto ga-e-golelwe, lenaneo leo le botlhokwa thata ka le neela badirisi ba lone lesedi la go itse go bala le go kwala.

Go ya ka mogolwane wa ba-ruta-bagolo yo o okametseng metse ya Bokaa, Morwa le Pilane kwa Kgatleng, Mme Margaret Chinya, lenaneo la thuto ga-e-golelwe le santse le le mosola bogolo jang ka lefatshe le simolotse go ikaega thata ka tiriso ya maranyane.

A re mo godimo ga go ruta go bala le go kwala, le ka nolofaletsa badirisi ba lone go ithuta ka tiriso ya maranyane a tshwana le a megala ya letheka.

Mme Chinya a re thuto ka boyone ke pheko e e fang motho seriti ka jaana motho yo o iteilweng seatla a kgona go ipalela mme ka jalo a ipolokele le diphiri tsa gagwe ntle le go kopa ope go mmalela melaetsa le dipampiri tsa gagwe tsa botlhokwa.

A re lesedi le thuto ga-e-golelwe le ka ba thusa gape go iphemela kgatlhanong le go iphitlhela ba tsene mo ditumalanong tse di ba bayang ka fa mosing.

Fa a ama dipalo tsa baithuti mo kgaolong e a e okametseng, o boletse fa borre ba le babedi, bomme ba le masome a mabedi le borataro mme palo yotlhe e le masome a mabedi le boferabobedi.

Mme Chinya a re dipalo tse di supa fa borre ba santse ba goga dinao go tsenelela lenaneo mme a ikuela mo go bone go le tsaya ka tlhwaafalo.

A re mokgosi wa thuto ga-e-golelwe o sale o tlhabilwe ke tautotna wa ntlha ya lefatshe leno Sir Seretse Khama mme wa ribololwa semmuso ka ngwaga wa 1980.

Se a re se supa fa lefatshe la Botswana le tswa bogologolo le lemoga botlhokwa jwa go itse go bala le go kwala segolo jang mo go ba ba tlhokileng lesego la go tsena sekolo.

A re lenaneo leo le amogela ba ba sa itseng go bala le go kwala gotlhelele, ga mmogo ba ba itseng go bala le go kwala mme ba eletsa go kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa.

A re gape le fa badirisi ba lone sebaka sa go ithuta ditiro tsa diatla tse ba ka itshetsang ka tsone jaaka go roka, go rua dikoko, go apaya borotho le tse dingwe.

Mme Chinya a re lenaneo leo le lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa tlhaelo ya mafelo a go rutelwang mo go one, mme a supa fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC) di ba eme nokeng thata ka go thusa go batlela baithuti mafelo a borutelo.

A re fa go le jalo, mo mabakeng mangwe bagolo ba iphitlhela ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare mme se e le sengwe sa tse di itsang bangwe go inaakanya le dithuto.

Mo godimo ga moo, Mme Chinya a re tlhaelo ya didirisiwa le yone e ntsi thata, mme a supa fa fa ba kgona ka go kopa ditlamelo kwa maphateng a mangwe a puso.

Mme Chinya a re sengwe se se ka dirwang go rotloetsa badirisi ba lenaneo la ga-e-golelwe ke go isa baithuti kwa ditshupong tsa mafatshemafatshe tsa dithuto tsa bagodi gore ba tseye malebela gore kwa mafatsheng a mangwe batho ba rutwa jang le gone gore ba rutwa eng. BOPA 

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Morwa

Event : Potsolotso

Date : 22 Oct 2025