Mogokgo o ikaelela go tokafatsa maduo
22 Oct 2025
Mogokgo yo o magorogo masha wa sekole sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS) Mme Zaheja Ndjarakana- Komoki o rotloeditse batsadi go nna le seabe ka go tshwaraganela thuto ya bana ba bone ka seo se ka thusa mo tokafatsong ya maduo a sekole seo, a a tswang kgakala a sa jese diwelang.
Fa a bua ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla kwa Tsabong, Mme Komoki o ne a tlhalosa fa sekole se amogetse palo e ntsi ya bana ba le 1 749, go simologa mophato wa ntlha go fitlha kwa go wa botlhano. Phuthego e, e ne e biditswe ke boeteledipele jwa sekole go kopana le ba-tsaya karolo botlhe mabapi le seemo sa sekole sa Tsabong Unified.
Mogokgo o ne a supa fa maikaelelo e le go tokafatsa maduo go ya pele go tlhomamisa gore ba fitlhelela le go tlola seelo se ba se ipeetseng.
Mogokgo o ne a supa fa se se swabisang e le maduo a a tlang a le kwa godimo a baithuti bangwe go tswa mo dikoleng tse di potlana mme fa bana bao ba tsena mo sekoleng Tsabong Unified, maduo a ya kwa tlase, seo se supa fa bana ba sa tlhoafalele dithuto tsa bone.
Fa a lekodisa batsena phuthego ka sekole se, o ne a tlhalosa fa seemo sa sone se setse se le makgasa, le tlhaelo ya barutabana, a supa fa gape ba sa jesiwe diwelang ke baithuti bangwe ba sekole seo ka ba senya dithoto le didirisiwa tsa sekole ka ntlha ya botlhoka tsebe.
Mme Komoki o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go sa ntse go phaphaletse mo sekgwameng sa puso, mme seo se tshwanetswe ke go tsibogelwa ka go ipelega ga batsadi le ba-tsaya karolo botlhe go tsenya letsogo mo dipaakanyong tsa matlo a borutelo.
Mogokgo o ne a kgothatsa batsadi go ntsha madi a sekole a ditlhabololo ka e le one a thusang go duela badiri ba nakwana ba ba phepafatsang matlwana a boithomelo le go tlhabolola mo sekoleng seo.
O ne a ngongorega ka baithuti ba ba tlang morago ga nako e e beilweng fa ba tswa malatsing a boitapoloso bogolo jang ba ba nnang kwa sekoleng mme a supa fa a neetse batsadi boikarablo go tlhomamisa gore bana ba tla ka nako go itsa go dia dithuto tsa sekole go tswelela ba le mmogo.
Mo phuthegong, mogokgo o ne a baya pele batsadi tebelopele ya gagwe, a tlhalosa fa a neela baithuti tiro ya go tsaya boikarabelo jwa go itebaganya le tiro ya sekole le gone go nna ba le phepa ka nako tsotlhe go thusa go ntsha maduo a a eletsegang, fa barutabana bone tiro ya bone e le go fa baithuti lorato go thiba phatlha e go lemosegileng fa e ntse e le teng fa gare ga bobedi joo.
Mongwe wa bagolwane mo sekoleng, Rre Benjamin Bailelwang o ne a rolela batsena phuthego megopolo e meraro e akaretsa go farologanya kapari ya sekole ka mophato wa ntlha, wa bobedi le wa boraro gore e tshwane. A re ba maphato wa bone le botlhano le bone kapari e tlaa bo e tshwana ka seo se ka thusa go laola le go farologanya bana go ya ka mephato ya bone e e kwa tlase le kwa godimo.
O ne a supa fa gape ka letsatsi la Laboraro mongwe le mongwe maikaelelo e le gore baithuti ba apare dikipara goya ka ditlhotshwana tse ba kgaogantsweng ka tsone e le tsela ya go tsosolosa mowa wa phadisanyo mo dithutong tsa bone. Mogopolo o mongwe ke wa pulo semmuso ya sekole le leina le lesha le le ka dirisiwang go emisetsa le le ntseng le le teng ba lebeletse bagaka ba motse oo.
Barutabana ba ne ba supa fa gareng ga matshwenyego a a di gogang kwa pele mo sekoleng seo e le bogodu, matlhapa, dikiteo, go phoraphora basetsanyana, tshenyo ya didirisiwa mo sekong mme tshoso e rweleng e le baithuti ba mophato wa ntlha, wa bobedi le wa boraro fa go tshwantshwanngwa le mephato ee kwa godimo. Batsadi ba ba neng ba tsene phuthego ba ne ba amogela ka tsoopedi pharologanyo ya kapari ya sekole gore ee ntseng e dirisiwa e sale le ba ba kwa tlase mme e bile ba gatelela thata gore ya bathuti ba mophato oo kwa godimo wa Form 4 le 5 ee tlaa bong e le ntsha e nne ntle go rotloetsa ba ba kwa tlase go ithuta thata go fitlhelela kwa godimo. Batsadi ba ne ba dumalana gape ka pulo semmuso ya sekole.
Mookamedi wa thuto mo kgaolong ya Tsabong Mme Margret Koko o ne a gwetlha batsadi go tshwaragana le barutabana, ba-tsaya karolo botlhe le setshaba kakaretso go ema ka dinao go aga le go bopa sesha baithuti mo sekoleng seo go tsholetsa seriti le serodumo sa sone. Mme Koko o ne amogana le batsadi maitlamo le tebelopele ya lephata la tlamelo ya bana le thuto go tswa kwa moding a re maikaelelo ke go tseela kwa godimo thuto le tshireletsego ya bana go tlhomamisa gore ba ntsha maduo a a nametsang, a tlatsa ka go kopa dikereke ka go farologana go ema nokeng sekole seo ka dithapelo ka nako tsotlhe.
Kgosi David Toto ll wa Tsabong o ne a galaletsa batsadi ba ba neng ba tsile ka dipalo tse di kwa godimo go simolola kwa motseng wa Kokotsha go fitlha mo Tsabong ba bana ba bone ba amogetsweng mo sekoleng seo a supa fa go tshwarela phuthego mo kgotleng e le sekao sa tshwaragano ya botsamaisi jwa sekole le marafe go ya pele. BOPA
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Oct 2025





