Ba ipelela letsatsi la thobane ya batlhokapono
16 Oct 2025
Thobane e e dirisiwang ke batlhokapono e botlhokwa fela thata ka e ba thusa go ka tsamaya ba sa gogwe jaaka go kile ga bo go tlwaelesegile ka batho ba ba senang pono.
Thobane e, e e bidiwang ‘White Cane’ ka teme ya Sekgoa, e thusa batlhokapono go sa ikaegeng ka batho ba bangwe fa ba tsamaya mme e bile e lemotsha ba bangwe gore motho yo o e dirisang o nale botlhokapono.
Go ya ka Rre Thabo Baseki, yo e leng motlhokapono, thobane e ya batlhokapono ke sekao sa maatla, bopelokgale ga mmogo le go ikemela ka bonosi mo go bao ba senang pono.
“Mo go rona batlhokapono, thobane ya batlhokapono e nale thuso e ntsi thata. Ke lentswe la rona fa re tsamaya, e tlhalosa gore ke teng, ke ka sutelela fa pele, ke ka bereka kana ka nna le ditoro jaaka mongwe le mongwe,” o ne a tlhalosa jalo.
“E tsisa molemo mo go rona. E fetola dikgwetlho go nna ditshiamelo,” o ne a rialo fa a tlatsa mafoko a gagwe.
O kaile fa thobane eo e le botlhokwa mo go bao ba ba nang le pono, ka e rotloetsa mo go bone mowa wa go tlhaloganya le go tlotla batlhokapono.
Rre Baseki o boletse fa go le botlhokwa gore setshaba se itse gore go tshola thobanyane eo ga se sekao sa gore modirisi way one o bokoa mme e le letshwao gore ba ba nang le pono ba atamalane le ene go tlhola gore a ga a tlhoke thuso, selo se a reng se tshwanetse sa dirwa ka tlotlo le tlhompho.
O ne a ikuela mo bakgweetsing go nna podimatseba ka nako tsotlhe gore ba tsiboge ka nako fa ba bona mongwe a dirisa thobane e go thibela go ba thula ka dikoloi.
Rre Baseki o ne a rotloetsa setshaba go tswelela ka go fa batlhokapono sebaka sa go ka tsamaya ba sa kgoreletsege, le go dira dikago tse di rotloetsang tshireletsego ya bone ga mmogo le tiriso ya maranyane e e sa ba tlogeleng kwa morago.
Ngwaga le ngwaga Phalane a le lesome le botlhanao go ipelelwa thobane ya batlhokapono ka maikaelelo a go lemotsha setshaba ka botlhokwa le bokao jwa sedirisiwa se, mme monongwaga letsatsi leo le ne le ketekelwa kwa Gumare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 16 Oct 2025