Bomaipaafela ba laetswe go fuduga
15 Oct 2025
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Mmadinare, Mme Ruth Dipholo o laetse bomaipaafela ba kwa Mapakata, gaufi le Selebi Phikwe go fuduga.
Mme Pholo o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa Mapakata ka Laboraro, a re lekgotla la kabo ditsha la Mmadinare le tlaa ba fa malatsi a le masome a mararo gore ba bo ba fudugile.
A re ntle le go obamela tshwetso eo, seo se tlaa dira gore lekgotla la kabo ditsha le ba tseele ditshwetso tse di maleba ebile di le ka fa molaong. Mme Pholo a re lekgotla la kabo ditsha le itemogetse kgolo ya bomaipaafela e e kwa godimo go simologa ka Lwetse mme ebile, go ipaya go ntse go tsweletse.
Se a re se tlhotlhelediwa ke dikgang tse di senang boammaruri tsa gore go tlhokana le dipalo tse di ntsi tsa batho ba ba ipeileng gore lefelo leo le tlhongwe motsana. Mme Pholo o supile fa bangwe ba setse ba jelwe ntsoma ka go batliwa madi ka mabaka a gore ba tlaa ba rulaganyetsa dipampiri tsa go nna kwa Mapakata.
A re le fa Mapaka e le lefelo la mafudiso, bangwe ba le dirile la bonno, ka ba agile matlo a bonno a sennela ruri mme go sena ditlamelo tsa botlhokwa di akaretsa metsi a a phepa, sengwe se se patikang bangwe go nwa metsi a a kgotlhelegileng, a a sa siamelang botsogo.
O bile gape a supa fa dipalo tse di kwa godimo tsa bomaipaafela di baka kgotlelesego ya tikologo, mme seo se ka nna borai mo leruong. Mme Pholo o supile fa go ipaafela e le molato o o motho a ka o isediwang kgotla tshekelong mme fa a bonwe molato, a lebanwa ke kotlhao ya go isiwa kgolegelong ngwaga tse pedi kgotsa a atlholwe P3,000.
Mokhanselara wa kgaolo ya Meriting kwa Selebi Phikwe, Rre Moagisi Buru o kaile fa a sa itumedisiwe ke go laltlhelwa ga matlakala mo go seng ka fa molaong kwa Mapakata, a a akaretsang marulelo a asbestos, le tse dingwe ka go farologana go tswa kwa mafelong a dikago.
A re le fa go tsibosiwa ka bo diphatsa jwa go latlha matlakala ka tsela e e sa babalesegang, bangwe ba itlhokomolositse se. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Oct 2025