Breaking News

Sekole se itumelela katlego ya ga Shatho

15 Oct 2025

Sekole se se botlana sa Magapatona kwa Tutume se ipeletse phenyo ya moithuti wa sone, Shatho Makoba yo a neng a fenya baithuti ba dikole tse di neng di tseneletse kgaisano e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa The Broadcasters Organisation.

Moithuti yo wa lekwalo la bosupa, o ne a kwala polelo e e neng e araba setlhogo se se reng, Looking at SADC community. Moletlo o o neng o patagane le go tsamaisa baithuti ba lekwalo la bosupa ba ba neng ba laela, o ne o tshwerwe kwa sekoleng ka Labobedi.

Mogolwane mo ofising ya thuto kwa Tutume, Rre Shadreck Moffat a re Shatho o tlotlomaditse motse, sekole le Botswana tota ka e a ne a gaisa baithuti ba ba bangwe kwa dikgaisanong tse di neng di tshwerwe kwa Lesotho, di tseneletswe ke baithuti go tswa, Botswana, Lesotho, Namibia, South Africa le Zimbabwe.

Rre Moffat a re bana ba ba tswang kwa motseng oo ba lesego ka ba nna ba atlega mo dikgaisanong tse di farologaneng, selo se se supang fa ba na le talente. O bile a re ka fa bokgeleke le ditalente di ribologang ka teng kwa Tutume, go supagala fa go santse go tlaa nna le dikgantshwane tse dintsi tse di tlaa emelang Botswana kwa mafatsheng a sele.

Rre Moffat o akgoletse ba mokgatlho wa TBO tiro entle e ba e dirang. A re se ba se dirang ke go tshwaranela thuto ya ngwana le puso ka go ba fa talente ya bodiragatsi le kitso. Fa a itebaganya le baithuti, o ba gwetlha go itlhokomela mo go tse di sa siamang.

A re ba ya go tsaya nako e telele ba se kwa sekoleng mme seo ga se reye gore ba ikhutse mo go ithuteng, ba tswelele ba bale, ba baakanyetsa mosepele o kwa pele. O ba gakolotse go bega sepe se se bosula se se ka ba diragalelang kana ba bonwa se diragalela mongwe.

Rre Moffat o ba gwetlhile go feta ba tsholetsa maduo a sekole se ba yang kwa go sone go re se kgone go fitlhelela sewelo se se se beilwe ke lephata la thuo. Modulasetilo wa TBO, Mme Bontle Chigala a re lekgotla la bone ke lekalana le le bopilweng ke ba lephata la kgaso ba kopane le thuto le makalana mangwe a a amanang le tsa thuto.

Mme Chigala a re maikaelelo a mokgatlho ke go upolola talente mo baithuting ba dikole, go ba betla go re ba nne le bokgoni jwa go bua fa pele ga batho, go kwala polelo ka teme ya Setswana kana Sekgoa le go diragatsa ka bokgabane.

A re seo ba se rotloetsa ka go tshwara dikgaisano mo dikoleng tse di tseneletseng mokgatlho oo. O boletse fa kgaisano e simolola kwa tlase, e palamela, go ya kwa kgaolo potlana go fitlha kwa kgaolong kwa go yang go tlhophiwa yo o yang go emela lefatshe kwa ntle.

A re mo magatong ao otlhe ka boraro, Shatho o ne a dira diaba mo polelo ya gagwe ya sekgoa. O ile a bolela fa Shatho a ne a ya go emela lefatshe kwa Lesotho kwa a ileng a tsaya maemo a ntlha. O kopile batsadi go ema nokeng bana ba bone le go ba fa lesedi la go dirisa talente ya bone.

Mokhanselara wa Tutume Botlhaba, Rre Egah Malensi o galaleditse naletsana eo, a supa fa Tutume a le lesego ka go tlotlomadiwa ke dikgantshwane tse di abetsweng ditalente ka go farologana. Rre Malensi ne a eleletsa Shatho katlego le tswelelopele mo dithutong tsa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 15 Oct 2025