Breaking News

Dikgwebo potlana di thusa go aga itsholelo ya Selebi Phikwe

14 Oct 2025

Mothusa mokwaledi wa khansele ya toropo ya Selebi Phikwe Rre Scotch Matsaunyana o tlhalositse fa dikgwebo potlana di na le seabe se setona mo itsholelong ya lefatshe.

Rre Matsaunyana a re seo, se itshupile morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL ka nako e mongwe le mongwe a neng a tletse boitlhobogo, mme bomme le borre ba dikgwebo tse di potlana ba ne ba ema ka dinao go tlhomamisa gore itsholelo ya toropo ga e phutlhame.

Rre Matsaunyana o ne a bua se ka Labone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe West Rre Reuben Kaizer kwa kgotleng ya Kagiso.

A re e re ntswa dikgwebo potlana di thusa thata mo go ageng itsholelo, go na le molao le ditsamaiso tse di tshwanetseng go salwa morago. Rre Matsaunyana o tlhalositse fa khansele e na le maikarabelo a go tlhomamisa gore toropo e nna mo seemong se se kgatlhisang go ka ngoka bagwebi go tla go gweba mo go yone le ditiro di bo di ka nna teng.

O tlhalositse fa ditlhwatlhwa tsa diteseletso tsa go gweba di le kwa tlase mme e bile le ba ba filweng sebaka sa go direla kwa mapalamelong a dikoloi tsa setshaba go na le lemme le ba le lopiwang se e le tsela ya gore le bone ba nne le seabe mo go tlhabololeng toropo ya bone.

Rre Matsaunyana o ne a bua se jaaka a ne a tsibogela dingongorego tse di neng di tswa mo morafeng fa ba ne ba ipelaetsa fa khansele e sa dirisane le bone sentle e bile madi a ba a lopiwang a le mantsi go tsamaisa dikgwebo tsa bone.

E rile a tswa la gagwe mopalamente Rre Kaizer o ne a lekodisa morafe fa go na le melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng. O tlhalositse fa mongwe wa molao o o fetisitsweng e le o o itebagantseng le tsa pereko ya bana ba ba kwa tlase ka dingwaga mme o atolosa ditsetlana dingwe tse di ntseng di le teng mo molaong oo.

O ne a tlhagisa setshaba go ela tlhoko ditiro tse ba di neelang bana gore ba seka ba iphitlhela ba gotlhagotlhana le molao. O ne a re palamente e ne ya tshwanelwa ke go fetisa molao o ka lepotlapotla ka jalo go ne go sena nako ya go ya go tsaya maikutlo kwa setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Oct 2025