Kgosi Tshipe o bolotsa letsema
14 Oct 2025
Motshwarelela kgosi yo mogolwane wa Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe o boloditse letsema kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Tshipi.
Go bolotsa letsema go dirwa ngwaga le ngwaga ka letsatsi la Tshipi, la ntlha kgwedi ya Phalane kwa kgotleng kgolo ya GaMmangwato kwa Serowe, morago go dirwe kwa dikgotleng tse dingwe.
Kgosi Tshipe o supile fa go bolotsa letsema e le ngwao e e supang bokao jo bogolo ka jaana kgosi o abo a bulela paka ya temo, go rebola morafe gore o ka lema. O rotloeditse morafe go ipaakanyetsa temo, ka go rema masimo a a medileng ditlhare.
A re pele paka ya temo e ne e baakanyetswa go ntshiwa dibeela, go na le meila ebile go dumelwa gore dibeela dika kgoreletsa pula gona.
Kgosi Tshipe o kopile batsadi go ruta banana ngwao gammogo le go ba rotloetsa go tsena mo temong. Kgosi Tshipe a re Batswana ba tshwanetse ba ema ka dinao ba tsosolosa itsholelo ka go tlhalosiwa fa thuo e wetse tlase.
Mongwe wa balemi ba kgaolo ya Mahalapye, Mme Dikano Sebele a re thulaganyo ya go bolotsa letsema e botlhokwa, ka e na le bokao jwa ngwao le go rapelela pula.
Mme Sebele a re fa kgosi a bolotsa letsema o a bo a rebola morafe gore ba ye go lema ka dipula tsa ntlha. A re e a bo e le tsela ya go kopa pula e e namagadi kwa Modimong, yo e leng motlhodi wa lefatshe.
Kgosi Rabowe Montwedi wa Madiba 14 o supile fa dikereke di tshwanetse go tsaya karolo mo letsatsing le ka e le nako ya go rapelela pula. A re pula e boutsana gape e na morago, se, se dire gore temo e seka ya atlega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Letsema
Date : 14 Oct 2025







