Breaking News

Banni ba kopa go bewa ditsha

14 Oct 2025

Banni ba metse ya Pilikwe le Mhalapitsa ba supile matshwenyego ka ditirelo di tshwana le tsa go bewa ditsha le letlhoko la metsi ba supa fa di sa ba jese diwelang.

Ba re go na le dingwaga ba sa bewe ditsha mo metseng ya bone mme ba kabo ditsha ba sa ba lekodise gore bothata ke eng e bile ba kgona go nna malatsi mangwe ba sena metsi mme go sena tlhaloso epe.

Ba supile matshwenyego a kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Tswapong South, Dr Kesitegile Gobotswang. Banni ba supile fa ditirelo tse di le botlhokwa mo matshelong a bone mme ntleng ga tsone ba sa tshele sentle ka di ba paledisa dilo di le dintsi.

Ene e rile go le pele Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe a supa fa motse wa gagwe o sale o bewa ditsha dingwaga tse lesome tse di fetileng mme ba nyoretswe go bewa ditsha ka banni ba le bantsi ba sena ditsha bogolo jang tsa bonno.

A re ba sale ba beilwe ditsha labofelo ka ngwaga wa 2015 mme go sa beweng ditsha mo go kgona go dira gore motse wa bone o seka wa gola e bile go baka dikgotlhang mo metseng ka batho ba felela ba nna ba le bantsi mo motseng o le mongwe.

Kgosi Seretse o ne gape a kopa puso go bona gore banni ba motse wa Mhalapitsa ba ka thusiwa jang jaaka kgang ya bogosi jwa motse wa bone e santse e le kwa kgotla tshekelong. A re kgang ya bogosi jwa Mhalapitsa e a ba imela ka ba lekile ka tsotlhe tse ba ka di kgonang go thusa go e rarabolola mme e sa kgone go wela.

O tlhalositse fa banni ba sale ba tlhophile leina, la romelwa mme ga felela go na le mongwe yo o supileng fa bogosi e le jwa gagwe ka jalo, kgang ya felela e le kwa makgotla tshekelong. 

O ne a supa fa mo nakong eno banni ba thusiwa ke mothusi wa gagwe e bong Kgosi Johane Rakumako mme fa a seo go nna dingalo gore ba thusege. A re ba kopa tona yo o maleba go ba lekodisa ka kgang e gore e tsamaya kae le go ba fa thuso e e tsepameng ba santse ba emetse kgang ya bogosi go rarabololwa.

O ne gape a kopa mopalamente wa bone go ba lekodisa ka lenaneo la temo letlotlo le a supileng fa ba ise ba utlwe tekodiso ka lone mme go supafala fa dipula di setse di le gaufi.

Mo kgannyeng ya go bewa ga ditsha, Dr Gobotswang o ne a supa fa a tla a ntsha mogopolo kwa palamenteng wa gore ditsamaiso tsa lekgotla la kabo ditsha di fetolwe mme ditirelo tsotlhe di nne gone kwa lekgotleng leo go na le gore ditirelo tse di fiwang Batswana di bonwe kwa maphateng a mangwe.

Fa a akgela mo kgannyeng ya lenaneo la Temo Letlotlo, o ne a kopa banni go ipaakanyetsa temo ka go somarela dipeo tse ba nang le tsone ka puso e ise e supe gore e tla a thusa balemi ka dipeo mo nakong eno ntswa nako e setse e ile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Oct 2025