'Dikhwaere di aga setshaba'
13 Oct 2025
Moopelo o dira dilo tse di ntsi mo botshelong tse di ka nowang moro jaaka go aga setho le go sidila maikutlo.
Mo godimo ga moo, o tlosa bodutu ebile o na le bokgoni jwa go dira letseno mo baopeding go itshetsa le ba malwapa a bone. A ke mafoko a a builweng ke Mme Patricia Sechele yo o neng a amogela sejana mo boemong jwa ga Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena kwa Molepolole ka Labotlhano.
Mme Sechele o ne a nna le sebaka sa go phophotha legetla dikgantshwane tsa khwaere ya Mokwepa e e tlholegang kwa kgotlaneng ya Ratotoboro kwa Molepolole.
E rile ka malatsi a go ipelela letsatsi la Boipuso, khwaere ya Mokwepa ya jela nala kwa Mochudi go ya go iteisana borathana le dikhwaere tsa kwa Kgatleng di le supa kwa kgaisanong ya ngwaga le ngwaga e e rotloediwang ke ba Koma48 Hours Festival.
Mono ngwaga, Mokwepa e ile ya ntsha ga tshwene mo phadisanong e e neng e thulantse dikwankwetla tsa kopelo gareng ga tsone, Okanyatsa, Seshoboloko, Dikwena, Kgalapitse ga mmogo le Mmakgomo, ba e leng basireletsi ba sejana.
Khwaere ya Mokwepa e ne ya betsa go utlwala mme ya tsaya sejana mo khwaereng e e ntseng e fenya mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. E rile go gapa sejana, khwaere ya Mokwepa e ne ya se tlhamaletsa kwa go Kgosikgolo ele sekao sa go mo lemotsha ka bokgani le botswerere jwa kwa Molepolole.
Mme Sechele o kaile fa phenyo e, e se ya khwaere ya Mokwepa e le nosi, mme e tsosolosa seriti sa motse wa Molepolole, o leina la one le amangwang le ditiro tsa borukutlhi. O ile a rotloetsa banana go inaakanya le bodiragatsi.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Kweneng Rre Ontefetse Rankhibidu o ne a lemotsha botlhe gore kopelo ga se metshameko, mme ke pinagare ya tshaba ya setswana. Rre Rankhibidu a re go botlhokwa gore bodiragatsi ka go farologana bo tie gore banana ka bontsi ba kgone go itlhamela mebereko ka jone.
A re o lemogile gore bontsi jwa dilo kwa Molepolole, go simolola ka maphata a abang ditirelo le mekgatlho ka kakaretso di paledisiwa tiro ke go tlhoka tshwaragano ga badiragatsi, a tsibosa botlhe go nna seopo sengwe gore ba ntshe maduo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Ralesuma, Rre Maina Maswabi o ne a akgolela khwaere ya Mokwepa tshwaragano le go nna le maitsetsepelo go netefatsa gore ba fitlhelela phenyo ya mono ngwaga.
Mosimolodisi ebile e le mokatisi wa khwaere ya Mokwepa, Rre Morris Obotseng a re khwaere ya Mokwepa ke mokgatlho o o saleng o kwadisiwa fa go simolodisiwa dikgaisano tse di neng di bitswa tsa malatsi a ga Tautona tse mo bogompienong di bitswang tsa ngwao.
A re e sale kgaisano ya Koma48 e simolola mo dingwageng tse nne tse di fetileng, ba ne ba iteka mme go pala go gapa sejana, a re mono ngwaga ba ne ba kgona go thankgola mokaloba wa kopelo eleng Mmakgomo, e mono ngwaga e tsereng maemo a bone.
Modulasetilo wa khwaere ya Mokwepa Rre Phenyo Bogatsu o ile a itela mo dikhamphaning go ema nokeng khwaere ka di tlhamela banana mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Moletlo
Date : 13 Oct 2025