Mopamente o aba ntlo
13 Oct 2025
Mopamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Jacob Kelebeng o tsweletse ka maikaelelo a gagwe a go tokafatsa bonno jwa bangwe mo kgaolong ya gagwe.
Ka Labone, Rre Kelebeng, yo gape e leng tona wa lephata la metshameko le bodiragatsi, o abetse Mme Gakelebogwe Molebatsi ntlo ya dikamore tse tharo kwa Metsibotlhoko.
Rre Kelebeng a re maikaelelo magolo a ditiro tsa mofuta o, ke go lwantsha lehuma mo kgaolong. A re o kgonne kago ya ntlo e, ka thuso ya ba Choppies.
Le fa go ntse jalo, Rre Kelebeng a re mokgwa wa boipelego o ka one go thusiwang ba itsholelo e kwa tlase, o ntsha maduo fa batho ba dira ka lorato le tshwaragano.
A re fa ba kopa kwa Modimong, dithapelo tsa bone di tla arabiwa, ka jalo ba kgone go diragatsa maikaelelo a go thusana. Kgosi Bafentse Moatshing wa Metsibotlhoko a re o itumeletse go bona mongwe mo morafeng wa gagwe a segofaditswe ka go fiwa seriti sa bonno le bana ba gagwe.
Kgosi Moatshing a re se se dirilweng ke Rre Kelebeng ke tshegofatso e apereng motse ka kakaretso.
Moemedi wa Choppies kwa Letlhakeng, Mme Tshoganetso Mosotho a re ba tsweletse ka go supa fa ba kgathala ka matshelo a batho, segolo bogolo ba ba kobo dikhutshwane, ka jalo se ba se dirang ke go leboga thotoetso e e tswang mo setshabeng.
Mme Mosotho a re go fitlha jaana, lebentlele la Choppies le setse le diristse madi a fetang P2 million go dira ditiro tsa mofuta o.
Moemedi wa ba lelwapa le le abetsweng ntlo, Rre Keotlogetse Mpotlaki, o supile fa a itumeletse gore kgaitsadie o bonye thuso ka go agelwa ntlo, ka jalo a mo rotloetsa go tlhokomela mpho e.
Mokhanelara wa Metsibotlhoko-Sesung, Rre Tshokodiso Raselepe a re o lebogela tshwaragano ya morafe wa Metsibotlhoko ka gore ba itumeletse thuso e e filweng mongwe ka bone e seng go fufega.
Rre Raselepe o lebogile le Rre Kelebeng ka go itlama go tlisa ditlhabololo ka go thusa mongwe ka bone, a dira jalo a le pelotelele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Metsibotlhoko
Event : Kabo dimpho
Date : 13 Oct 2025