Breaking News

Ba BCL ba tlaa thusiwa ka matlo

08 Oct 2025

Babereki ba pele ba moepo wa BCL ba tlaa fiwa sebaka sa go reka matlo ka thulaganyo ya Bonno Housing.

Mo bokopanong le bogogi jwa Selebi Phikwe le badiri ba pele ba BCL ka Labobedi, Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa o tlhalositse fa puso e rekile matlo a BCL a le 1 226 mme e tlaare morago ga dithulaganyo le dipuisano magareng ga ba na-le-seabe ka go farologana di se na go wela, go dirwe thulaganyo e e maleba ya go aba matlo.

A re tshwetso ya go rekisa ka  matlo ka lenaneo la Bonno Housing Scheme ke go fa badiri ba pele ba moepo wa BCL ba ba nang le keletso ya go a reka go dira jalo ka ditlhotlhwa tsa lenaneo di le kwa tlase.

Rre Mohwasa o tlhalositse fa go le botlhokwa gore badiri ba pele ba moepo wa BCL ba thusiwe ka bonno ka bontsi jwa bone ba sa tlhole ba na le dithata dipe tse ba ka tlholang ba ka ya go batla ditiro go ka ikagela.

Rre Mohwasa o tlhalositse fa matlo a a rekilweng a ka seke a lekane batho botlhe ba ba neng ba bereka kwa moepong mme go tlaa dirwa dithulaganyo tse dingwe go thusa ba ba ka sekeng ba bone matlo.

O kopile badiri ba pele go nna pelotelele le go nna le tshepo mo go dipe dithuso tse puso e tla di ntshang.

Rre Joseph Tsimako go tswa kwa Botswana Mine Worker’s Union o tlhalositse fa ba lebogetse tshwetso e e tserweng ke puso ya go tla ka thulaganyo ya go reka matlo, gore badiri ba pele ba kgone go a reka ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase.

A re le fa ba itumelela tshwetso e e tserweng ke puso, go santse go na le dingwe tse di saletseng kwa morago, tse di tlhokang go tsibogelwa.

O tlhalositse fa go na le badiri ba bangwe ba ba neng ba sa nne mo matlong a BCL fa bangwe ba ne ba nna mo di hostel kgang ke gore e re morago go sena go nna le kabo ya matlo go nne le thulaganyo ya go bona gore bo ne ba thusiwa jang.

Rre Tsimako gape o ne a tlhalosa fa ditlhwatlhwa tsa matlo e tlaa nna ya dingwe tse ba tlaa di seka sekang morago ga kabo ya matlo.

Rre Olebogang Moremi yo e leng modiri wa pele wa BCL le ene o ne a tlhalosa fa botsogo jwa mmereki bo tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo, a tlhalosa fa go ne ga seka ga dirwa dithulaganyo tsa go tlhatlhoba badiri morago ga go tswalwa ga moepo. ENDS

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 08 Oct 2025