Breaking News

Monna o arabela go fitlhelwa ka nama ee belaetsang

30 Oct 2019

Maikaelelo a letsholo la Kgomokhumo a tsweletse ka go bonala.

E rile bosheng, motlhotlhomisi wa sepodisi, Constable Balole Osetse a fa bosupi mo kgannyeng e mo go yone ba fitlhetseng mmelaelwa, Rre Ntabo Ntabo wa Serowe ka nama ya kgomo e go belaelwang ele ya bogodu kwa morakaneng wa gagwe kgwedi ya Tlhakole.

Rre Osetse o boleletse kgotla ya ga mmakaseterata kwa Serowe ka Labobedi fa ba ne ba longwa tsebe ke batho bangwe gore ba belaela kgomo e e bolailweng kwa ga Rre Ntaboe le ya bogodu.

O boleletse fa ba ne ba ya go tlhotlhomisa, mme ba fitlhela dinama di pegilwe fa godimo ga mapako fa tse dingwe di ne di apeilwe, letlalo la yone le tlhogo tsone di ne di kgaoletswe ditokitoki.

O boletse fa ba ne ba botsolosa mmelaelwa ka dinama tsa kgomo eo, mme a ba bolelela fa a e rekile mo go rre mongwe wa leina la Koketso Moeng, yoo neng a botsolotswa, mme a tlhalosa fa ya gagwe matshwao le mmala a sa tshwane le e e bolailweng.

A re e e bolailweng e ne e sena tshipi go setse lebadi fela, fa ya gagwe e na le tshipi ee papametseng, ebile matshwao e le a gagwe eseng aa mo go e e suleng.

Motlhotlhomisi o boletse fa ba ne isa nama eo kwa go ba lephata la tlhokomelo le tlhatlhobo ya leruo, kwa ba rurufaditseng fa e sa siamela go jewa ke batho.

O kaile fa ba ne ba fiwa setlankana sa go tshuba nama eo, mme ba felela ba e tshubile ka e sa siamela botsogo jwa batho.

Tsheko e, e tlaa tswelela gape kgwedi ya Sedimonthole e supa, monongwaga ko Serowe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Letsholo la Kgomokhumo

Date : 30 Oct 2019