Breaking News

Tlhabololo monana boikarabelo jwa botlhe

08 Sep 2019

 Mothusa tona wa lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele, a re go tlhabolola monana ka tshwaragano ya ba-na-le seabe ke kgang ee bonolo.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Thamaga, Rre Makgalemele a supa fa tshwaragano e ka thusa go rarabolola mathata a letlhoko la ditiro.

O rotloeditse bogogi jwa motse le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi go thulanya ditlhogo go tswa ka tharabololo ya go tlhabolola matshelo a banana .

“A re diriseng dikitso tse renang le tsone re le morafe wa ga Thamaga, go tlhabolola seemo sa matshelo a banana ba rona,” Rre Makgalemele a tlhalosa.

O ne a nankola botlhokwa jwa go dira dikoporase ka dikitso tse banana ba nanang natso, gore ba kgone go akola mananeo a puso.

A re mo mabakeng a mantsi, banana bangwe ba iphitlhela ba gateletswe ke diemo tse di bokete, di akaretsa borukutlhi, tiriso diritibatsi le seemo sa bogole, ka jalo go tlhoka kemo nokeng le bogakolodi go thusa go ba inola mo dikgwetlhong tse.

Rre Makgalemele o rotloeditse banana gore ba seka ba ipona tsapa, ka mananeo otlhe a leng teng a ba akaretsa.

O supile fa leeto la gagwe le gwetlhilwe ke mokhanselara wa kgaolo ya Thamaga Bokone, Rre Paalelo Motaosane, ka matshwenyego a letlhoko la ditiro.

Mangwe a matshwenyego a banana e nnile dikgang tsa go abiwa ga dithendara ka tshokamo. 

E rile a tsibogela kgang ya go abiwa ka tshokamo ga dithendara, Rre Makgalemele a solofetsa fa ba tshwaragane le go tswa ka tharabololo go netefatsa gore tsamaiso e salwa morago.

O gakolotse le go rotloetsa banana go dira tse di tlhokwang ke tsamaiso ya ikopelo ditiro, mme ba seka ba solofela go mpampediwa.

Mothusa tona o lekodisitse banni ba Thamaga fa puso e na le thulaganyo e haphegileng mo go abiweng ga ditiro la mananeo a seegetsweng fa thoko go thusa banana.

Rre Makgalemele o ne a ya go bontshiwa tiro ya kago ya matlwana a boithomelo kwa lebaleng la metshameko, le eleng bontlha bongwe jwa ditirelo tsa lephata la gagwe. 

Matlwana a, a emisitswe ke P2 000 yo rakonteraka le khansele ya Mogoditshane /Thamaga di sa dumalaneng ka ene mo lebakeng la dingwageng tse tharo.

Mogolaganya ditirelo tsa lephata kwa kgaolong ya Kweneng, Rre Moeti Godisamang, o solofeditse go tsibogela dikgang tsa bodiragatsi le metshameko tse go kaegang di sa itumedise badiragatsi ba motse oo le dituelo tsa dikgaisanyo tse di kgoreletswang ke tlhaelo ya madi.

Kgosi Segale Thobega o ne a kopa lephata leo, go ema merafe nokeng ka dithuso tsa madi, go rotloetsa kgolo le tshomarelo ya ngwao.

Lefa go ntse jalo, Kgosi Segale o ne a supa gore e re lefa ba ne ba goga bokete go rulaganyetsa tiro ya ngwao mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, seo ga se aka sa ba kgoba marapo go tswelela le thulaganyo ya bone ya ngwaga le ngwaga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Thamaga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Sep 2019