Breaking News

Mmelaelwa ga ipona molato

05 Sep 2019

Monna yo o tlholegang kwa Hunhukwe mo kgotlaneng  ya Ganare kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ga aa ipona molato mo tshekong ya bogodu jwa leruo.

Mmelaelwa, Rre  Justice Mokgothu,  wa dingwaga tse di  masome mane  le bosupa, yo o tumileng  thata ka leina la ‘Buru’, o ne a itshupile fa pele ga lekgotla la Setswana kwa Ghanzi Lwetse a tlhola gatlhano go arabela molato o le mongwe wa bogodu jwa leruo.

Go ya ka dintlha tsa kgang, mmelaelwa o ne a  tshuba kgongwana e tuba, a bo a senya le letshwao la yone kwa Kacgae, a dira jalo ka maikaelo a go e amoga mong wa yone. 

Mosekisi Inspector Ramokowe Phalaagae a re ba bosekisi ba tlaa bitsa basupi ba le bane go rurifatsa kgetse ya bone. 

Mothusa Kgosi ya Ghanzi, Mme Annah Rankho, yo kgetsi e e leng fa pele ga gagwe, o gakolotse mmelaelwa go tla ka basupi ba gagwe, fa ba le teng. 

Tsheko e tlaa tswelela kgwedi eno e le lesome le borataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Tsheko

Date : 05 Sep 2019