Breaking News

Tshwarang madi a puso ka pabalesego

04 Sep 2019

Badiri ba puso ba ba dirang le tsa madi go tswa mo maphateng a a farologanyeng  mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go tshwara madi a puso ka pabalesego  go hema seemo sa go nyeletsa madi le tshenyetso setshaba e lefatshe leno le sa e beyeng sebete.

Moeteledipele mo ofising ya madi a puso mo Tsabong, Rre Daniel Gaserengwe, o buile jaana bosheng mo dipuisanyong  tse di neng di  rulagantswe ke lephata la gagwe maikaelelo e le go ruthuntsha badiri go goga ka tsela e le nngwe ka fa ba tshwanentseng go tshwara le go babalela madi a puso ka teng. 

O boletse fa ba gwetlhilwe ke go lemoga fa bangwe ba sa sale melawana morago. 

Rre Gaserengwe o ne a supa fa tsheneyetso setshaba e bakwa ke bopelotshetlha, dikeletso tse di kwa godimo tsa botshelo, go itlhokomolosa molao, letlhoko le le feteletseng la madi,  go batla go nna le madi ka nako tsotlhe.

O ne a gakolola batsena dipuisanyo tseo go ikgapha mo go amogeleng dimpho go tswa mo badirising ba ditlamelo tsa puso ka di ka felela di ba raela go inaakanya le tshenyetso setshaba.

Moeteledipele mo ofising ya madi a puso mo Tsabong o supile fa  ditlamorago tsa tshenyetso setshaba di akaretsa itsholelo e e kwa tlase, go tlhoka go tla ga babeeletsi  mo lefatsheng leno, go senyegelwa ke tiro, go ya kgolegelong, go humanega le go felela motho a ikgapela botshelo fa a setse a le mo mathateng.

O supile fa badiri ba ba dirang ka madi mo maphateng a a farologanyeng ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo jwa ka fa a dirisiwang ka teng mo ngwageng mongwe le mongwe wa madi le gone go a tlhokomel. 

Rre Gaserengwe o supile fa go tshwara madi a puso e le tiro e e kgethegileng, ke  sone se ba letlelelwang go thusa Batswana mo maphateng a puso go rirufadiwa ka mokwalo o o beilweng monwana ke baeteledipele ba maphata.

O ne a gwetlha badiri go buisana le baeteledipele go tlhomamisa gore lephata lengwe le lengwe la puso le na le sebolokelo sa madi  se se nonofileng  pele ga a isiwa kwa ofising ya madi.

A re go simolodiswa ga maranyane a  GABS mo maphateng a puso go thusitse ka go dira tiro motlhofo ka nako e khutshwane fa go tshwantshanngwa le nako e go neng go dirisiwa mokwalo.

Mongwe wa baruthuntshi  Sub Inspector Motshegetsi Mmunyane  o ne a tlhalosa fa go na le bogodu jwa  go tsietsa jo bo ileng magoletsa mo dinakong tsa gompieno, a supa fa batho ba tsiediwa ka go reka dikoloi, matlo le dithoto tse dingwe. 

Sub Inspector Mmunyane o ne a supa fa ba thusa go tlhotlhomisa mo go tseneletseng mo  dikgannyeng  tsa bogodu jwa madi  motho a dirisa maranyane a Facebook, sebalamakgolo kana go reka dithoto tsa bogodu.

Fa a  leboga, Mme Chenesani Thomaba go tswa mo lephateng la dikitsiso mo Tsabong o ne a galaletsa barulaganyi ba  dipuisanyo  tse, a supa fa di le maleba. 

A re di tlaa tiisa babereki moko  go tswelela ba dira ka matsetseleko mo go tlhomamiseng gore madi a puso a babalesegile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Thuto Puisanyo

Date : 04 Sep 2019