Breaking News

Banni ba Moshupa ba atla tshimolodiso ya kago ya kokelo

04 Sep 2019

Go agwa ga kokelo ya Moshupa, e e tlaa lopang P419 million, go tlaa simololwa kgwedi eno e le masome mabedi. 

Kokelo eo, e e tlaa tsenyang malao a le masome a supa e agwa ke khamphani ya Zhengtai Group.

E rile a bua kwa tirong ya go neela rakonteraka setsha sa kago, modulasetilo wa khansele-potlana ya Moshupa, Rre Sonny Phiri a supa fa morafe wa motse oo o itumeletse tshimolodiso ya kago ya kokelo ka jaana ba sa bolo go e emela.

A re seo ke tshimologo ya dilo tse dintle tse di tlaa diragalang mo Moshupa ka jaana kokelo eo e tlaa tsosa itsholelo ya kgaolo- potlana ya bone ka e tlaa thapa batho. 

A re kago eo gape e tla ka ditsholofelo tse dintsi mo morafeng wa Moshupa.

Le fa go ntse jalo, Rre Phiri o ne a supa fa go le botlhokwa go tsenya tiro eo leitlho go netefatsa fa e dirwa ka matsetseleko e bile e sa lope puso madi ape a motlaletsa. 

A re go le gantsi dikago tsa puso ga di salwe morago mme kwa morago go tlhage dilo tse di lopang puso madi a a neng a sa dumalanwa.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Oscar Mosielele a supa fa go le botlhokwa go bega baeng fa ba tsena mo motseng gore ba fiwe thotloetso epe fela e ba ka e tlhokang ba tsweletse le tiro. 

O ne a akgolela lephata la dikago go bo le bone go tshwanela go tla go rola rakonteraka mo boeteledipeleng jwa motse pele ga ba simolola tiro. 

A re se se tlaa thusa gore ba tshwaraganele tiro eo sentle le gone gore beng ba motse ba tlhaloganye se se dirwang mo motseng wa bone.

Kgosi Mosielele a re gape go tlaa thusa gore fa go na le dikgang  kana dikgotlhang baeteledipele ba morafe ba kgone go di rarabolola ba phuthologile. 

A re o solofela fa badiri ba tiro eo ba tlaa e dira ba phuthologile go sena sekgoreletsi sepe.

Mokwaledi wa lephata la Botsogo le Boitekanelo Mme Ruth Maphorisa o ne a re tiro eo e tsile go ngoka batho ba bantsi mme go botlhokwa gore ba fiwe tsa boiphemelo go fokotsa go anama ga mogare wa HIV.

O ne gape a ba rotloetsa go dirisa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo gore kago eo e seka ya senyega ka bonako. 

A re gape botsogo bo senyonyo, ka jalo go batla ba dira tiro eo ka manontlhotlho le botswerere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MOSHUPA

Event : Tholo ya Setsha

Date : 04 Sep 2019