Breaking News

Bomme ba gwetlhiwa go ikemela ka dinao

03 Sep 2019

Bomme ba Kgalagadi Borwa ba gwetlhilwe go ikemela ka dinao ka go inaakanya le mananeo a puso go itshimolodisetsa dikgwebo go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone.

Mme Mietha Matlhaku o buile jaana bosheng mo letsatsing la bomme le rulagantswe ke khansele ya Kgalagadi go ba kgothatsa, go rutana  maele a botshelo gore ba kgone go ikemela ka nosi ba sa ikaega ka borre.

Fa a bua maikaelelo a latsatsi leo, o ne a tlhalosa fa Phatwe a seegetswe kwa thoko ke  mafatshefatshe go keteka letsatsi leo  ngwaga le ngwaga  e le tsela nngwe ya go lemoga boleng jwa bomme jaaka e le ene thari ya setshaba go buisana ka tse ba di kgonneng, go gakololana le gone go bapatsa dikgwebo tsa bone.

Mme Matlhaku o ne a sa supa fa bogologolo bomme ba ne ba sa letlelelwe go dira ditiro dingwe go dumelwa gore di ka dirwa fela ke borre mme mo nakong ya gompieno seo se fetogile ka jaanong ba kgona go dira ditiro tse fela jaaka borre e bile gape go na le ba ba atlegileng go ba gaisa mo botshelong.

O boletse fa bomme ba le bantsi go gaisa borre mo lefatsheng leno go ya ka  palabatho ya  2011, fa 55% ya bomme  e eteletse malwapa pele gape le mo ditirong tsa puso bomme e le bone ba di gogang kwa pele ka dipalo.

O ne a kgothatsa bomme gore ba seka ba inyatsa ka e le bone ba ba tsisang botshelo mo lefatsheng, a supa fa boteledipele mo lefatsheng leno bo le teng ka lebaka la go tshola  ga bomme.

Fa a tswa la gagwe, Mme Tebogo Keakantse, moteledipele  mo lephateng la bong mo Kgalagadi o ne a rotloetsa bomme  go emana nokeng ka ba kopana le dikgwetlho mo botshelong, bogolo jang mo go tsa  kgokgontsho mo malwapeng.  

O ne a tlhalosa fa ba mafatshefatshe ba ne ba baya monwana ditumalano ka 2017 gore e re ka 2030 kgokgontsho ya mo malwapeng, dikereke, le mo ditirong e bo e fedisitswe gotlhelele.

A re ditshekatsheko  tsa kgokgontsho mo Botswana di supa fa mo go  bomme ba le bararo a le mongwe a kgokgontshitswe fa 21% ya  borre ba dumela fa e le nnete ba kgokgotsha bomme, 12% ya bomme e dumala fa e kgokgontsha borre ka maikutlo ka e le batho ba ba buang thata go ya ka ditshekatsheko tsa 2018.

Mme Keakantse o ne a bolela fa mo dikgaolong di le lesome le borararo, Chobe e di goga kwa pele ka kgokgontsho e latelwa ke Bokone Botlhaba, Kgalagadi Bokone, Selebi Phikwe, Lobatse, mme ya borataro e le Kgalagadi Borwa.

O ne a supa gore le fa bomme ba kgokgontshiwa ka bontsi, se se swabisang ke gore ba felela ba tsholola dikgang kwa makgotleng a  ditsheko ba sweletse gore rre a seka a lebisiwa molato ka a ikaegile ka ene go tsisa dijo mo lwapeng. 

O ba kgothaditse go inaakanya le mananeo a puso a a mo lephateng la bong go ikopela dikgwebo le gore fa ba atlegile ba di tlhoafalele ka ba sologela molemo mo isagong.

Mo mafokong a kgothatso Moruti  Elizabeth  Ntwaetsile wakereke ya Bethelehem City Of  Christ In Zion o ne a rotloetsa bomme go itsetsepela ka lefoko la Modimo ka e le lone konokono  mo diemong tse ba kopanang le tsone mo botshelong. “Ke botshabelo le thuso e e gaufi thata mo tlalelong.”

O kopile bomme  go ema ba bangwe  nokeng, a re gantsi bomme ba a kgethololana, ba jane setshego, go na le go  sidilana maikutlo fa ba iphitlhela ba amilwe ke HIV/AIDS, selo se a reng ga se supe kutlwelobotlhoko le lorato.

Mme Maggie Stoffel o ne a supa fa ba tshwanetse go sala morago ditoro tsa bone ka seo se ka thusa go fetola matshelo a bone fela fa ba na  le tebelopele mo botshelong.

O ne a fa sekai ka ene, a supa fa a simolotse ka kgwebo e nnye ya go roka mme a fitlhelela ditoro ka go nna pelotelele go fitla fa a leng teng gompieno.

O ne a gakolola bomme go tlhoka go itlhoboga le go inyatsa go kopa dithuso mo maphateng a puso go itshimololela dikgwebo, a re  mo go gongwe ba felela ba ikimetsa morwalo  ka go itsenya mo dikolotong.

Mothusa mokwaledi mo khanseleng ya Kgalagadi Mme Mavis Moribame  o ne a supa fa puso e tseela kwa godimo bomme e bile e netefatsa gore go na le mananeo a ba ka a akolang le go godisa dkgwebo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Tsatsi la Bomme

Date : 03 Sep 2019