Breaking News

Papatso ya sehutshane e ka godisa mhama

03 Sep 2019

Barui ba dihutshane ba rotloeditswe go ema ka dinao ba bapatsa nama ya dihutshane gore e kgone go nna le mmaraka le go thusa go godisa mhama wa thuo le itsholelo.

Mogakolodi wa matlhabelo a BMC a itebagantse le tsa boranyane, Dr Charles Olupot o buile jaana kwa moletlong wa nama ya dihutshane o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa barui ba dihutshane wa Maboelela Smallstock Association kwa Mahalapye.

Rre Olupot o supile gore dipalo tsa dipodi di fokotsega thata, ka jalo a re seemo seo, se tlhoka go tsibogelwa pele ga se tswa mo taolong.

A re le fa kgaolo ya legare e le yone e nang le palo e ntsi ya dipodi, go lebega e tlaa re mo dingwageng tse di lesome tse di latelang di bo di gomagometswa ke go nyelela.

O supile gore mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, dipalo tsa dipodi di wetse tlase go tswa kwa go 1.5 million go nna 1.2 million ka ngwaga wa 2015, fa palo ya dinku e godile go tswa kwa go 224 000 ka 2004 go nna 265 000 2015.

O gakolotse barui ba dihutshane go tsibogela seemo se. 

Dr Olupot a re barui ba dihutshane ba lemoge gore nama ya dihutshane e na le boleng. 

A re sengwe se se dirang gore e nne boutsana mo mmarakeng ke gore e rekwa boturu.

Dr Olupot a re le fa puso e dirile mananeo a a ka thusang go oketsa dipalo tsa dihutshane, go a tshwenya go bona dipalo tsa tsone di wela tlase.

A re seemo se, se supa fa go na le dikgwetlho tse di kgoreletsang mhama wa thuo ya dihutshane.

O rotloeditse barui go batlisisa tse di ka thusang go nyeletsa dikgwetlho tseo.

O akgotse makalanaa a simolodisitsweng ke puso a go rotloetsa thuo ya dihutshane jaaka la Lobu kwa Kgalagadi. 

Dr Olupot a re tlhabololo ya mofuta o e tsile ka nako e e maleba, ka jalo e tlaa thusa go rotloetsa le go tlhabolola thuo ya dihutshane.

E rile a supa maikaelelo a moletlo, Rre David Headman a re mokgatlho wa barui ba dihutshane wa Maboelela o batla go godisa serodumo le boleng jwa nama ya podi le nku.

Rre Headman a re barui ba dihutshane ba tshwanetse ba nna le seabe se se nonofileng mo go godiseng le go tswakanya itsholelo fela jaaka mhama wa thuo ya kgomo. “Re eletsa go bona nama ya podi e rekisiwa kwa mafatsheng a sele, ga tlhalosa Rre Headman.

A re ke nako ya gore dihutshane di thuse mo go godiseng temo-thuo gore e kgone go tlhama ditiro. Rre Headman a re barui ba dihutshane ba tshwenngwa ke dikgwetlho di akaretsa bogodu, malwetse le dibatana.

Fa a amogela barui, Kgosi Duncan Segotsi o tlhalositse gore ‘letsema le thata ka mong’.

Kgosi Segotsi a re o tshwenngwa ke ba ba itlwaeditseng go direlwa, ba sa dire maiteko a go fetola matshelo a bone ka go inaakanya le mananeo a a tshwanang le thuo ya dihutshane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : BOSH FARM

Event : Moletlo wa Nama

Date : 03 Sep 2019