Ipaakanyetseng boipuso - Kesupile
03 Sep 2019
Mopalamente wa pele wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o kgothaditse boora Sebego kwa Kanye go ipaakanyetsa moletlo wa boipuso wa monongwaga.
A re e re le mororo a itse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di sa tshwara sepe mo seatleng ka ntlha ya leuba, mme gone go maleba gore morafe o ipaakanyetse boipuso.
Rre Kesupile yo o neng e le mogwanti mogolo o buile jalo ka Matlhatso Phukwi 31, kwa Kanye mo mongwantong o o neng o rulagantswe ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) mo kgaolwaneng ya Mmatshitswane Botlhaba, ka maikaelelo a go kokoanya madi a go agela motlhoki ntlo.
Rre Kesupile yo o ntseng e le mopalamente mo kgaolong eo go fitlha palamente e phatlaladiwa bosheng, mme e bile gape e le ntlhopheng yo o ikemetseng mo kgaolong eo, o ne gape a kgothatsa morafe go ipaakanyetsa ditlhopho tse di tlang tsa setshaba.
Ebrile a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, modulsedtilo wa VDC mo kgaolwaneng ya Mmatshitswane Botlhaba, Rre Gasegodira Kaboeamodimo a tlhalosa gore e le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse mo Mmatshitswane Botlhaba, ba ne ba lemoga fa go na le ditiro tse ba tshwanetseng go di dira mme ba se kake ba kgona ka jaana ba sena madi.
A re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go dira mogwanto go kgobokanya madi.
Rre Kaboeamodimo a re maikaelelo a mogwanto o ke go kokoanya madi go tla ba agela rre mongwe ntlo mo kgaolwaneng eo, a tlhalosa fa rre yoo a sena bonno jo bo kgotsofatsang.
O tlhalositse fa keletso ya bone e le gore ba seka ba nna komiti fela e e senang ditiro, mme ba thuse setshaba fa ba kgonang teng.
Rre Kaboeamodimo o tlhalositse fa mogwanto o, e santse e le tshimologo mme ba tlaa tswelela ka methale e mengwe e e ka ba thusang go dira madi gore tiro ya bone e atlege.
O ne a go tlhalosa fa mo nakong eno ba kwaletse dikhamphani dingwe go kopa dithuso.
E ne e rile go le pele a amogela baeng mo kgotleng, kgosana yoora Sebego, Rre Faruk Tshosa a tlhalosa gore mogwanto ke bontlha bongwe jwa itshidilo mmele, ka jaana go itshidila go nonotsha botsogo jwa motho mme seo se thuse go fokotsa maushiushi a mmele.
A re seo gape se ka fokoletsa motho go nwa dipilisi kgotsa melemo ka mmele o a bo o sena bokoa.
Rre tshosa a re ka jalo o leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo mongwantong oo ka seo e se go kokoanya madi fela mme gape e le go itshidila mmele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Mogwanto wa VDC
Date : 03 Sep 2019